Luke 16:11 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha11 Mme fa lo sa ikanyege kaga mahumo a lefatshe, ke mang yo o tlaa lo ikanyang mo mahumong a boammaaruri a legodimo? Faic an caibideilSetswana 197011 Jaanong fa lo ne lo sa ikanyege ntlheng ya Mamone yo o sa siamang, ke mang yo o tla lo ikanyang mo khumong ya boammaaruri? Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)11 Ki gona ha lo lo sa ikanoa mo mamoneñ eo o sa siamañ, lo tla ikañoa e mañ lohumo loa boamarure? Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo11 Ke gone fa lo se ka lwa ikanyega ka ga mahumo a a sa siamang, lo tlaa neelwa e mang dikhumo tsa boammaaruri? Faic an caibideil |
A lo ko lo akanyeng! Le fa ke sa dira sepe se se dirang gore ke le tshwanele, gape le fa nna ke le Mokeresete yo e seng wa sepe bogolo go botlhe, le fa go ntse jalo ke nna yo ke neng ka tlhophelwa tiro e, e e itumedisang, e e faphegileng ya go bolelela Badichaba Mafoko a Boitumelo a mahumo a a sa feleng a ba ka a bonang ka Keresete;
“Kgakololo ya me mo go wena ke gore o reke gauta e e itshekileng mo go nna, e e itshekisitsweng ka molelo, ke gone o tlaa bong o humile ka boammaaruri. Le gore o reke mo go nna diaparo tse di tshweu tse di phepa tse di itshekileng, gore o se ka wa bonala o sa ikatega le fa e le go tlhajwa ke ditlhong; le go tsaya molemo mo go nna go alafa matlho a gago gore o boelwe ke pono ya gago gape.