Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 16:1 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Mme Jesu a bolelela barutwa ba gagwe polelo e: “Monna wa mohumi o kile a hira molebeledi go tlhokomela dilo tsa gagwe mme ka bonako ga utlwala fa molebeledi a sa ikanyege.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

1 Le gona a raya barutwa ba gagwe a re: “Go ne go le motho mongwe yo o humileng, a na le mookamedi wa ditiro; mme yo, o ne a latofadiwa fa pele ga gagwe gore o senya di-tsa-gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI le gona a raea barutoa ba gague, Gabo gole monona oa mohumi, a na le motlameri‐ntlu, mi eo, a latuharioa go ena, ha a sentse lilo tsa gague.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Le gone a raya barutwa a re: “Go ne go le monna mongwe e le mohumi, a na le molebedi wa dilo tsa gagwe; ene yo a newa molato kwa go mong wa gagwe, ga twe, o senya dilo tsa gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 16:1
19 Iomraidhean Croise  

“Mo maitseboeng ao a raya radituelo wa gagwe a re a bitse banna bao a ba duele, a simolola pele ka banna ba bofelo.


Mme Morena a fetola a re, “Ke bua le mongwe le mongwe yo o ikanyegang yo o nang le tlhaloganyo yo mong wa gagwe o mo nayang tiro ya go otla batlhanka ba gagwe. Mme fa mong wa gagwe a boa a fitlhela a dirile tiro e e siameng, go tlaa nna le tuelo, mong wa gagwe o tlaa mmaya motlhokomedi wa dilo tsa gagwe tsotlhe.


“E rile morago ga malatsi a se kae morwawe yo mmotlana a phutha dilwana tsa gagwe a etela kwa lefatsheng le le kgakala, koo a feta a senya madi a gagwe mo medirong le mo boakeng.


Le fa go ntse jalo ngwana yo wa gago yo o boileng a sena go senya madi mo boakeng, o mo itumeletse ka go mo tlhabela kgongwana e e nonneng e re neng re na nayo mo sakeng’.


Hong Jesu a re, “Gonne go ne go na le monna mongwe wa mohumi, yo o neng a apara sentle a nna mo letlepung mo monateng ka letsatsi le letsatsi.


Mme mong wa gagwe a mmitsa a mo raya a re, Ke eng se ke se utlwang ka go nkutswela ga gago? Baakanya pego ya gago, gonne o tshwanetse go tlogela tiro.


“Mme monna wa boraro a bega fela madi a o neng a simolotse ka one, a re, ‘Ke a bolokile,


Joana mosadi wa ga Chusa (Chusa e ne e le molaodi wa papadi ya ga Kgosi Herode a bile a le motlhokomedi wa ntlo ya segosi le dilwana tsa yone). Susana, le ba bangwe ba ba neng ba ntsha dikatso go otla Jesu le barutwa ba gagwe.


Baruti ba, ba tshwanetse ba bo ba le banna ba matshelo a a senang molato gonne ke badiredi ba Modimo. Ba se ka ba nna boikgodiso kgotsa pelo-dikhutshwane; ba se ka ba nna matagwa kgotsa batho ba ba ratang ntwa kgotsa ba ba ratang madi.


Mme le fa lo kopa ga lo se fiwe gonne maikaelelo otlhe a lona ga a a siama, lo batla fela se se tlaa lo nayang boitumelo.


Modimo o neile mongwe le mongwe wa lona dinonofo tse di faphegileng; tlhomamisang go di dirisa go thusa ba bangwe, lo bolelela ba bangwe masego a Modimo a mantsi.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan