Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 15:8 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 “Setshwantsho se sengwe ke se: Mosadi o na le diselefera di le lesome tsa madi mme a bo a latlhegelwa ke e le nngwe. A ga a ka ke a tshuba lobone go sekaseka mo dihukung tsa ntlo le go feela mo dikgokgotshwaneng le mo diphatlheng go fitlhelela a e bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

8 “Gongwe mosadi ke ofe yo e ka reng a na le diselefera di le some, a latlhegelwa ke selefera e le nngwe fela, a se ka a tshuba lobone, a feela ntlo, a batla ka tlhoafalo go tsamaya a e bone?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 ¶ Khotsa mosari ohe eo o nañ le liderakema li ten, mi a latlegeloa ki derakema ñue, a ga a cube lobone, a heela ntlu, a batla ka tloahalo a tsamaea a e bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 “Kgotsa, mosadi ke ofe, yo e ka reng a na le madi a le some a selefera, fa a latlhegelwa ke le lengwe, a se ke a tshube lobone, a feela ntlo, a batla ka tlhaofalo go tsamaye a le bone?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 15:8
9 Iomraidhean Croise  

Se fitlheng lesedi la lona! A le phatsimele botlhe; a ditiro tsa lona tse di molemo di phatsimele botlhe go di bona, gore ba tle ba galaletse Rra lona wa Legodimo.


“Go ntse fela jalo, legodimo le tlaa itumelela moleofi a le mongwe yo o sokologelang mo Modimong go na le ba ba masome a ferabongwe le metso e ferabongwe, ba ba neng ba sa timela!


A mme ga a ka ke a bitsa ditsala tsa gagwe ba a agileng nabo go itumela nae?


Ke na le dinku tse dingwe mo lesakeng le lengwe. Le tsone ke tshwanetse go di lere, mme di tlaa utlwa lentswe la me; jalo go tlaa nna letsomane le le lengwe ka fa tlase ga tlhokomelo ya Modisa a le mongwe fela.


E ne e le polelo pele gore loso lwa ga Jesu e tlaa bo e se lwa Iseraele fela, mme e tlaa bo e le lwa bana ba Modimo ba ba anameng mo lefatsheng lotlhe.


Mme o rile Mafoko a a Molemo a, a kagiso kwa go lona Badichaba ba lo neng lo le kgakala thata nae, le kwa go rona Bajuta ba re neng re le gaufi.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan