Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 15:7 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

7 “Go ntse fela jalo, legodimo le tlaa itumelela moleofi a le mongwe yo o sokologelang mo Modimong go na le ba ba masome a ferabongwe le metso e ferabongwe, ba ba neng ba sa timela!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

7 Ke lo raya ke re: Go tla nna boitumelo jalo mo legodimong ka ga moleofi a le mongwe fela yo o sokologang, bogolo go basiami ba le 99, ba go sa batlegeng tshokologo mo go bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Kia lo raea le gona, go tla na boitumelo mo legorimoñ mo moleohiñ eo o tlabologañ, bogolu mo go ba ba siameñ ba naente le naen, ba ba sa tlokeñ tlabologo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Ke a lo raya, go tlaa nna boitumelo fela jalo kwa legodimong ka ga moleofi a le mongwe fela yo o ikwatlhayang, bogolo go ka ga ba ba siameng ba le 99, ba ba sa direng boikwatlhao sepe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 15:7
13 Iomraidhean Croise  

Mme fa a e bona, o tlaa e itumelela go gaisa tse di masome a fera bongwe le metso e fera bongwe tse di babalesegileng kwa gae!


Pele ga lo kolobediwa supang gore lo sokologile mo dibeng ka go dira ditiro tse di tshwanetseng.


Fela jalo go na le boitumelo fa pele ga baengele ba Modimo fa moleofi a le mongwe a sokologa.” Go tshwantsha ntlha e ka botlalo, a ba bolelela polelo e:


mme a fetola a re, ‘Mo dingwageng tse tsotlhe ke go diretse thata mme ga ke ise nke ke gane go dira sepe se o neng o re ke se dire; mme mo lobakeng loo lotlhe ga o ise o ke o nneye le fa e le potsane go dira modiro le ditsala tsa me.


Mme go tshwanetse go dirwa modiro. Gonne ke monnao; yo o neng a sule mme o rudile, yo o neng a timetse mme o bonywe.’ ”


Ere fa o goroga o phuthe ditsala tsa gago le ba o agileng nabo go itumela le wena ka gore o bonye nku e e neng e timetse.


“Setshwantsho se sengwe ke se: Mosadi o na le diselefera di le lesome tsa madi mme a bo a latlhegelwa ke e le nngwe. A ga a ka ke a tshuba lobone go sekaseka mo dihukung tsa ntlo le go feela mo dikgokgotshwaneng le mo diphatlheng go fitlhelela a e bona.


Mme a ba raya a re, “Lo apara tshiamo ya lona mo pepeneneng, mme Modimo o itse bosula jwa dipelo tsa lona. Go ipaya ga lona jaaka ekete lo siame go lo tlisetsa tlotlo mo bathong, mme ke makgapha fa pele ga Modimo.


Tiro ya me ke go laletsa baleofi gore ba sokologe mo dibeng tsa bone, eseng go senya nako ya me ka ba ba ikgopolang gore ba setse ba siame thata.”


Ke sone se ke neng ke ikutlwa sentle fa ke sa tlhaloganye se tota molao o neng o se batla. Mme erile fa ke sena go ithuta boammaaruri, ke ne ka lemoga gore ke robile molao ebile ke moleofi yo o tshwanetseng go swa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan