Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 15:6 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

6 Ere fa o goroga o phuthe ditsala tsa gago le ba o agileng nabo go itumela le wena ka gore o bonye nku e e neng e timetse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

6 Mme e re a tla mo gae, a phuthe ditsala le ba ba agileng nae, a ba ree a re: ‘Itumeleng le nna; ka gonne ke bonye nku ya me e e neng e timetse.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Mi ka a tla mo gae, a bitsa litsala tsa gague le bañ ka ena mogo, a ba raea, Itumeleñ le ’na; gone ki bonye ñku ecu e e le e timetse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 E re a tla mo gae a phuthe ditsala tsa gagwe le ba ga gabo, a ba reye a re: ‘Itumeleng le nna, gonne ke bonye nku etsho e e neng e timetse.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 15:6
19 Iomraidhean Croise  

Mme lefoko la anamela ka bonako kwa go bangwe ka ene le ba losika gore Morena o mo diretse molemo go le kae, mme mongwe le mongwe a itumela.


Fela jalo go na le boitumelo fa pele ga baengele ba Modimo fa moleofi a le mongwe a sokologa.” Go tshwantsha ntlha e ka botlalo, a ba bolelela polelo e:


gonne morwaake yo, o ne a sule mme o rudile. O ne a timetse mme o bonywe!’ Hong modiro wa simologa.


Mme o tlaa e baya mo magetleng o ya gae ka boitumelo.


“Go ntse fela jalo, legodimo le tlaa itumelela moleofi a le mongwe yo o sokologelang mo Modimong go na le ba ba masome a ferabongwe le metso e ferabongwe, ba ba neng ba sa timela!


mme lona lo ditsala tsa me fa lo inkobela.


Ka tlwaelo bontsintsi bo ya kwa go se se gapang maikutlo, monyadiwa o ya kwa monyadi o teng! Ditsala tsa monyadi di itumela nae. Ke tsala ya monyadi, mme ke tletse boitumelo mo tswelelong pele ya gagwe.


Erile fa a goroga ebile a bona dikgakgamatso tse Modimo o neng o di dira, a tlala kgakgamalo le boitumelo, mme a kgothatsa badumedi gore le fa go ka nna jang, ba nne mo Moreneng.


Mme morago ga phuthego yotlhe e ba ntsha mo motseng, ba ralala Foneshia le Samaria ba etela badumedi, ba ba bolelela mo go ileng ga itumedisa batho botlhe, gore Badichaba le bone ba ne ba sokologa.


Fa ke lo rapelela, pelo ya me e tlala boitumelo,


Mme fa madi a me a botshelo, go bua jalo ke raya gore a tshwanetse go tshelwa mo tumelong ya lona e ke e neelang Modimo e le setlhabelo, mo go raya gore fa ke tshwanetse go swa ka ntlha ya lona, le gone ke tlaa nna ke itumela, mme ke tlaa tlhakanela boitumelo jwa me le mongwe le mongwe wa lona.


Bakaulengwe ba me ba ba rategang, ke a lorata ebile ke tlhwaafaletse go lo bona, gonne lo boitumelo jwa me le tuelo ya ditiro tsa me. Ditsala tse di rategang, nnang boammaruri mo Moreneng.


Gonne re tshelela eng, se se re nayang tsholofelo le boitumelo ebile e le tuelo le serwalo se re ikgantshang ka sone? Ke lona! Ee, lo tlaa re leretse boitumelo jo bogolo fa re ema mmogo fa pele ga Morena Jesu Keresete fa a tla gape.


Lo kile lwa bo lo se ba sepe; mme jaanong lo ba Modimo. Lo kile lwa bo lo itse go le gonnye ka tshiamo ya Modimo; mme jaanong matshelo a lona a fetotswe ke gone.


Jaaka dinku lo ne lo dule mo Modimong, mme jaanong lo boetse mo modiseng wa lona, motlhokomedi wa mewa ya lona yo o lo babalelang mo ditlhaselong tsotlhe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan