Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 15:5 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

5 Mme o tlaa e baya mo magetleng o ya gae ka boitumelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

5 Mme e re a sena go e bona, a e bee mo magetleng a gagwe, a itumele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Mi ka a sina go e bona, a e baea mo maruliñ a gague, a itumela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Mme o tlaa re a sena go e bona, a e beye mo magetleng a gagwe, a itumele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 15:5
31 Iomraidhean Croise  

Mme go tshwanetse go dirwa modiro. Gonne ke monnao; yo o neng a sule mme o rudile, yo o neng a timetse mme o bonywe.’ ”


Ere fa o goroga o phuthe ditsala tsa gago le ba o agileng nabo go itumela le wena ka gore o bonye nku e e neng e timetse.


Mme Jesu a mo raya a re, “Se se supa gore poloko e tsile mo lwapeng lo gompieno. Monna yo e ne e le mongwe wa bana ba ga Aberahame yo o neng a timetse, mme nna Morwa Motho, ke tsile go batla ke bo ke boloka mewa e e ntseng jaaka wa gagwe.”


Mme Jesu a fetola a re, Tsatsi jeno o tlaa nna le nna kwa Paradaiseng ke go solofetsa ka boammaaruri.


Ke lo boleletse se gore lo tlale boitumelo jwa me. Ee, senwelo sa lona sa boitumelo se tlaa penologa.


Ke Modimo ka bo one o o re dirileng se re leng sone wa bo wa re naya matshelo a masha a a tswang kwa go Keresete Jesu; mme mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng o ne wa loga leano la gore re tshwanetse go dirisa matshelo go thusa ba bangwe.


Modimo o nneetse tshwanelo e e hakgamatsang e ya go bolelela mongwe le mongwe leano le la one; gape o nneetse nonofo ya one le botlhale jo bo faphegileng go le tlhalosa ka fa tshwanelong.


Gonne erile fa re lo leretse Mafoko a a molemo, e ne e se gore ke puo fela e e senang molemo mo go lona; nnyaa, lo ne lwa reetsa ka kgatlhego e kgolo. Se re se lo boleletseng se ne sa ungwa loungo lo lo nonofileng mo go lona, gonne Mowa O O Boitshepo o ne wa lo naya tlhomamiso e kgolo gore se re se buileng e ne e le boammaaruri. Ebile lo itse ka fa one matshelo a rona a neng a le sesupo mo go lona sa boammaaruri jwa molaetsa wa rona ka teng.


Mme ba tlaa itharabologelwa mme ba falole mo serung sa botlhanka sa ga Satane sa go leofa, se o se dirisang go ba tshwara ka nako nngwe le nngwe e o e ratang, mme jalo ba ka simolola go dira go rata ga Modimo.


Tlhomang matlho a lona mo go Jesu, moeteledipele le moruti wa rona. O ne a ineela go swa loso lo lo tlhabisang ditlhong mo mokgorong ka ntlha ya boitumelo jo a neng a itse fa bo mo letetse kwa morago; mme jaanong o nna mo lefelong la tlotlo gaufi le setilo sa bogosi sa Modimo.


Mme Modimo, mo nonofong ya one e kgolo, o tlaa tlhomamisa gore lo tsene koo lo babalesegile go e amogela, ka gonne lo a o ikanya. E tlaa nna ya lona mo letsatsing leo la bofelo gore lo e bone lotlhe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan