Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 15:2 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

2 mme mo ga tsosa dingongorego mo baeteledingpele ba tumelo ya Sejuta le bomaitseanape ba melao ya Sejuta ka gore o na a tsalane le baleofi ba ba ntseng jalo, ebile aa ja le bone!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

2 Mme Bafarisai le Baitsedikwalo ba ngongorega ba re: “Yo, o tshola baleofi, o ja nabo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi Bafarisai le bakuari ba ñoñorega, ba re, Monona eo, o cula baleohi, mi o ya nabo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Bafarisai ba ngongorega le bakwadi, ba re: “Monna yo, o tshola baleofi, o ja nabo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 15:2
12 Iomraidhean Croise  

Mme nna, Morwa Motho, ke a ja e bile ke a nwa, mme lo ngongoregela gore ke ‘sejabobe, ke senwi, e bile ke dirisanya le mofuta o o maswe wa baleofi!’ Mme batho ba ba botlhale jaaka lona ba ka bona seipato mo go sengwe le sengwe se ba se dirang!”


Mme Bafarasai ba kgotswa ba re, “Ke eng fa moruti wa lona a dirisanya le batho ba ba ntseng jaana.”


Hong Jesu a dirisa setshwantsho se: “Fa o na le dinku di le lekgolo mme nngwe ya tsone ya bo e ya le naga, e timela a ga o ka ke wa tlogela tse di masome a ferabongwe le metso e fera bongwe wa latela e e timetseng go fitlhelela o e bona?


Mme bontsintsi jwa batho ba se ka ba itumela. Ba ngongorega ba re, “O ile go nna moeng wa moleofi yo o itsegeng ka mokgwa o o maswe”.


Mme Bafarasai le baruti ba molao ba ngongoregela barutwa ba ga Jesu ka go ja le baleofi ba mofuta oo.


Mme ke ja dijo tsa me e bile ke nwa mofine wa me mme lwa re, ‘Kana Jesu o rata dijo jang! E bile o a nwa! E bile o na le ditsala tsa mofuta o o kwa tlase!’


E rile Mofarasai mongwe yo Jesu o neng a mmiditse, a bona se se diregang le gore mosadi e ne e le mang, a ithaya a re, “Se supa gore Jesu ga se moporofiti, gonne fa tota a ne a romilwe ke Modimo, o ka bo a itsile gore mosadi yo ke wa mofuta ofe!”


Ba ne ba mmaya molato ba re, “O itsalantse le Badichaba ebile o jele nabo.”


Gonne erile fela lwa ntlha fa a goroga a bo a a ja le Bakeresete ba Badichaba (ba ba neng ba sa tshwenyege ka go rupa le melao e mengwe e mentsi ya Sejuta). Mme erile moraganyana fa ditsala dingwe tsa ga Jakobe tsa Sejuta di tla, a seka a tlhola a a ja le Badichaba gonne o ne a tshaba se badira melao ba ba Sejuta ba tlaa se buang, gonne ba ne ba sa khutlise go bua ba re, thupiso e botlhokwa mo polokong;


Kana go boammaaruri jang, ebile ke tlhwaafalela jang gore mongwe le mongwe a bo a itse, gore Jesu Keresete o tletse mo lefatsheng go boloka baleofi, mme ke ne ke le mogolo mo go bone botlhe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan