Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 15:10 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

10 Fela jalo go na le boitumelo fa pele ga baengele ba Modimo fa moleofi a le mongwe a sokologa.” Go tshwantsha ntlha e ka botlalo, a ba bolelela polelo e:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

10 Ke lo raya ke re: Go boitumelo jalo mo baengeleng ba Modimo ka ga moleofi a le mongwe yo o sokologang.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Le gona kia lo raea, Go boitumelo ha pele ga baengele ba Morimo mo moleohiñ moñue eo o tlabologañ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 Ke a lo raya, go boitumelo fela jalo fa pele ga baengele ba Modimo ka ga moleofi a le mongwe fela yo o ikwatlhayang.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 15:10
23 Iomraidhean Croise  

“Fa mongwe fela a mpolela mo mpepeneneng e le tsala yame ke tlaa mmolela ele tsala yame fa pele ga ga Rre yo o kwa legodimong.


“Itiseng gore lo seka lwa lebela ope wa bananyana ba ba nnyennyane ba kwa tlase. Gonne ke lo bolelela gore kwa legodimong baengele ba bone ba fa pele ga ga Rre ka metlha yotlhe.


Fela jalo, ga se go rata ga ga Rre gore le fa e le mang wa ba bannye ba a nyelele.


“Mme ke lo tlhomamisetsa se, ka re: Nna Morwa Motho ke tlaa lo tlotla mo pepeneneng fa pele ga baengele ba Modimo fa lo mpolela jaaka Tsala ya lona mono lefatsheng.


Mme ba ba intatolang mo gare ga batho ke tlaa ba itatola fa pele ga baengele.


Ga go a nna jalo! Mme le lona lo tlaa nyelela fa lo sa ikwatlhae.”


“Monna o ne a na le bomorwawe ba le babedi.


“Go ntse fela jalo, legodimo le tlaa itumelela moleofi a le mongwe yo o sokologelang mo Modimong go na le ba ba masome a ferabongwe le metso e ferabongwe, ba ba neng ba sa timela!


A mme ga a ka ke a bitsa ditsala tsa gagwe ba a agileng nabo go itumela nae?


Ka moo dibe tsa gagwe tse dintsi di itshwaretswe, gonne o nthatile thata; mme yo o itshwaretsweng go le gonnye go supa lorato lo lo nnye.”


Mme erile fa ba bangwe ba utlwa kaga se, dikganetso tsa bone tsotlhe di ne tsa arabiwa mme ba simolola go galaletsa Modimo; ba ne ba re, “Ee, Modimo o neetse le Badichaba tshwanelo ya gore ba sokologele kwa go one le gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng!”


Mme moengele wa Morena a tla bosigo, a bula dikgoro tsa kgolegelo a ba ntshetsa kwa ntle. Mme a ba raya a re,


Gonne ka dinako tse dingwe Modimo o dirisa bofutsana mo matshelong a rona go re thusa go ikwatlhaela sebe le go batla botshelo jo bosakhutleng. Re se ka ra utlwa botlhoko ka go bo romela ga one. Mme bohutsana jwa motho yo o seng Mokeresete ga se bohutsana jwa boikwatlhao jwa boammaaruri ebile ga bo kake jwa kganela loso lo lo sa khutleng.


Gongwe o ne o ka go akanya jaana: gore o siile kwa go wena ka lobakanyana gore jaanong a nne wa gago ka malatsi otlhe,


Nnyaa, gonne baengele ke mewa e e rongwang go thusa le go tlhokomela ba ba tshwanetseng go amogela poloko ya One.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan