Luke 14:1 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha1-2 Mme ka Sabata nngwe ya re a le mo lwapeng lwa leloko lengwe la Lekgotla la Sejuta, Bafarasai ba bo ba mo lebeletse thata jaaka bophakalane go bona gore a o tlaa fodisa monna yo o neng a le foo a lwala go tlala metsi mo ditokololong. Faic an caibideilSetswana 19701 E rile a tsena mo ntlong ya molaodi mongwe wa Bafarisai ka Sabata go ja senkgwe, bone ba bo ba mo disitse. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)1 MI ga rihala, ka a tsena mo tluñ ea molaori moñue oa Bafarisai ka sabata go ya señkhue, ba mo elatloko. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo1 Ga dirala e rile go le letsatsi la Sabata, a tsena mo ntlong ya Mofarisai mongwe wa mogolwane, a ya go ja senkgwe, mme ba bo ba mo lepile. Faic an caibideil |
Mme ya re bosigo bongwe morago ga lotlatlana, moeteledipele wa tumelo ya Sejuta yo o bidiwang Nikodemo, wa leloko la phuthego ya Bafarasai, a tla go kopa Jesu thuso. A re, “Rra, rotlhe re itse gore Modimo o go romile go tla go re ruta. Dikgakgamatso tsa gago di supa ka botlalo gore o romilwe ke Modimo.”