Luke 13:34 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha34 “Jerusalema wee! Jerusalema! Motse o o bolayang baporofiti. Motse o o kgobotletsang ka maje ba ba rometsweng go o thusa. Ke ratile gantsi jang go phutha bana ba gago jaaka koko e e sireletsang dikokwana tsa yone ka fa diphukeng, mme ga o aka wa ntetla. Faic an caibideilSetswana 197034 “Jerusalema, Jerusalema! Wena yo o bolayang baporofeti, o kgobotletsa ba ba romilweng go wena! Ke ratile gantsi jang go phutha bana ba gago, jaaka koko e tle e phuthe dikokwana tsa yona fa tlase ga diphuka; mme lo ganne! Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)34 Yerusalema, Yerusalema, uena eo o bolaeañ baperofeti, mi u khobotletse ba ba romiloeñ go uena; ki le ka rata ga kai go phuthela bana ba gago mogo, yaka koku e phuthela mamphoroana a eona mo phukeñ tsa eona, mi u ganne. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo34 “Jerusalema we! Jerusalema we! Wena yo o bolayang baperofeti, o kgobotletsa ka maje ba ba rongwang kwa go wena; ke ka bo ke phuthile bana ba gago mmogo gantsi jang, jaaka koko e tle e phuthele mamphorwana a yone mo diphukeng tsa yone, mme lo ganne. Faic an caibideil |
mme mo malatsing a mararo le sephatlo mebele ya bone e tlaa bewa mo pepeneneng mo mebileng ya Jerusalema (motse o o bolelwang sentle jaaka “Sodoma” kgotsa “Egepeto”), lefelo tota le Morena wa bone o bapoletsweng mo go lone. Ga go na ope yo o tlaa letlelelwang go ba fitlha, mme batho ba ba tswang mo merafeng e le mentsi ba tlaa phuthega go tla go ba bona.