Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 13:13 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

13 A mo ama mme a akofa a inamologa. Hong mosadi a leboga a ba a galaletsa Modimo!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

13 A ba a mmaya diatla; mme ka bonako mosadi a inamologa, a ba a galaletsa Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Mi a mo latsa atla tsa gague; mi akoha a siamisioa, mi a galaletsa Morimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 Mme a baya diatla tsa gagwe mo go ene, mme a siamisiwa fela ka bonako; mme a galaletsa Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 13:13
13 Iomraidhean Croise  

Poifo e kgolo ya wela bontsintsi jwa batho fa ba bona se se diragala fa pele ga matlho a bone. Ba galaletsa Modimo thata ka go naya motho thata e e ntseng jalo.


Ba tlaa nna le thata ya go tshwara dinoga ba babalesegile, mme fa ba a nwa le fa e le eng se se bolayang ga se kitla se ba utlwisa botlhoko: Ba tlaa kgona go baya balwetse diatla ba ba fodisa.”


a mo rapela gore a fodise morwadie. A bua ka tlhwaafalo e kgolo a re, “O gaufi le go swa. Tswee-tswee tla o mmee diatla gore a tshele.”


Mme ka ntlha ya go tlhoka go dumela ga bone a se ka a kgona go dira dikgakgamatso tse di tona mo go bone, fa e se fela go baya diatla mo baboboding ba se kae, a ba fodisa.


Hong Jesu a mmaya gape diatla mo matlhong mme ya re a leba, a boelwa ke pono ya gagwe gotlhelele, mme a bona sengwe le sengwe sentle, se se neng se le mo tikologong ya gagwe.


Mme Jesu a mmitsa a re, “Mosadi o fodisitswe mo bolwetseng jwa gago!”


Mme ka bofefo monna a kgona go bona, a latela Jesu, a baka Modimo. Mme botlhe ba ba neng ba go bona go direga le bone ba baka Modimo.


Ya re letsatsi le phirima mo maabanyaneng ao, baagi ba motse botlhe ba ba nang le balwetse mo magaeng a bone, go sa re sepe gore e ka bo e le malwetse a a ntseng jang, ba ba tlisa kwa go Jesu; mme erile fa a ba baya diatla ba fola.


Mme Ananiase a tsamaya a bona Saulo a bo a mmaya diatla a re, “Mokaulengwe Saulo, Morena Jesu yo o neng a go ipontsha mo tseleng, o nthomile gore o tle o tladiwe ka Mowa O O Boitshepo le gore o foufologe.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan