Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 13:1 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Mme ya re ka lone lobaka lo a itsisiwe fa Pilatwe a bolaile Bajuta bangwe ba ba neng ba tswa kwa Galalea fa ba ntsha ditlhabelo kwa Tempeleng mo Jerusalema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

1 Go ne go le bangwe teng ka yona nako eo, ba mmegela ka ga Bagalelea ba Pilato o tlhakantseng madi a bone le ditlhabelo tsa bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI gabo gole gona ka motla o, bañue ba ba mulelelañ ga Bagalilea, ba mari a bona Pilato o a tlakantseñ le cupelo tsa bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Jaana e rile ka lobaka loo ga bo go le bangwe teng, ba molelela ka ga Bagalilea, ba madi a bone Pilato o a tlhakantseng le ditlhabelo tsa bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 13:1
8 Iomraidhean Croise  

Mme e rile mo mosong, ditlhogo tsa pa-peresiti le baeteledipele ba Sejuda ba rakana gape go gakololana ka fa ba ka tlhotlheletsang ka teng mmuso wa Se-Roma go atlholela Jesu loso.


Mme ba mo romela kwa go Pilatwe molaodi wa Roma a golegilwe ka dikeetane.


mme ba re, “Banna ba Galalea ke eng fa lo tsepegetse a matlho kwa legodimong ka kakabalo? Jesu o ile legodimong mme ka letsatsi lengwe o tlaa tla fela jaaka a ile!”


Ba bua ka kgakgamalo ba re, “Mo go ka diragala jang? Gonne banna ba botlhe ke ba ba tswang kwa Galalea?


“Morago ga gagwe, ka nako ya fa go kgethisiwa, ga bo go le Judase wa Galalea. A itatedisa batho bangwe go nna barutwa, mme le ene a swa, mme balatedi ba gagwe ba phatlalala.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan