Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 12:9 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

9 Mme ba ba intatolang mo gare ga batho ke tlaa ba itatola fa pele ga baengele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

9 Mme yo o intatolang fa pele ga batho, o tla itatolwa fa pele ga baengele ba Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Mi eo o ’ntatolañ ha pele ga bathu, eo, o tla latoloa ha pele ga baengele ba Morimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 mme yo o tlaa intatolang fa pele ga batho, o tlaa itatolwa fa pele ga baengele ba Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 12:9
15 Iomraidhean Croise  

Mme fa mongwe a intatola mo mpepeneneng, ke tlaa mo itatola mo mpepeneneng fa pele ga ga Rre yo o kwa Legodimong.


“Mme a fetola a re ‘Tsamayang! nako e setse e fetile!’


“Mme fa nna Morwa Motho ke tla mo kgalalelong ya me, le baengele botlhe ba na le nna, ke tlaa nna mo setulong sa me sa kgalalelo.


Hong ke tlaa gadimela ka fa go ba ba fa molemeng wa me ke re, ‘Tlong, lona ba lo hutsegileng, lo yeng kwa molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng diabolo le mewa e e maswe.


Mme ke tlaa fetola ke re, ‘Ga lo ise lo ke lo bo lo nne ba me. Tsamayang, gonne ditiro tsa lona di bosula’,


Le, fa e le mang yo o ntlhabelwang ke ditlhong le molaetsa wa me mo malatsing ano a go tlhoka go dumela le a boleo, Nna Mesia, ke tlaa mo tlhabelwa ke ditlhong fa ke boa ke le mo kgalalelong ya ga Rre, le baengele ba ba boitshepo.”


Fela jalo go na le boitumelo fa pele ga baengele ba Modimo fa moleofi a le mongwe a sokologa.” Go tshwantsha ntlha e ka botlalo, a ba bolelela polelo e:


Petere a itatola a re, “Mosadi, ga ke itse monna yoo gotlhelele!”


“Fa nna Morwa Motho, ke tla ka kgalalelo ya ga Rara le baengele ba ba boitshepo, ke tlaa ba tlhabelwa ke ditlhong botlhe ba ba ntlhabelwang ke ditlhong le mafoko a me gompieno.


Mme fa re a kanya gore go mo direla ka nako eno go bokete, gakologelwang gore letsatsi lengwe re tlaa nna Nae re bo re busa Nae. Mme fa re lesa ka ntlha ya go boga, re fularela Keresete, mme le ene o tshwanetse go re fularela.


Gonne motho yo o sa dumeleng mo go Keresete, Morwa Modimo, ga a kake a dumela le mo Modimong. Mme yo o nang le Keresete Morwa Modimo, o na le One Modimo Rara.


Mme jaanong bananyana ba me, nnang mo bolekaneng jwa boitumelo le Morena gore e re fa a tla lo bo lo tlhomamisa gore gotlhe go siame, mme ga re na go tlhajwa ke ditlhong re bo re boela kwa morago fa re tshwanetse go mo kgatlhantsha.


“Ke go itse sentle: ga o a nonofa, mme o lekile go nkutlwa e bile ga o a itatola leina la me. Jalo ke go buletse kgoro e ope a se ka keng a e tswala.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan