Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 12:5 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

5 Mme ke lo bolelela yo lo tshwanetseng go mmoifa, boifang Modimo o o nang le nonofo ya go bolaya le go latlhela mo moleteng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

5 Mme ke tla lo supetsa yo lo tshwanetseng go mmoifa: Boifang ene yo e a reng a sena go bolaya, a bo a na le thata go latlhela mo moleteng wa molelo. Ee, ke lo raya ke re: Boifang ene.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Mi ki tla lo shupetsa eo lo tla moihañ: Boihañ eo eare a sina bolaea, o na le thata go rigela mo moleteñ oa molelo; E, kia lo raea, Moiheñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Ke tlaa lo tlhagisa ka ga yo lo tlaa mmoifang; ka re: Boifang ene yo e tlaa reng a sena go bolaya, a bile a na le thata go latlhela mo moleteng, ee, ke a lo raya, boifang ene.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 12:5
16 Iomraidhean Croise  

“Se boifeng ba ba ka bolayang mebele ya lona fela; mme ba ka seka ba ama mewa ya lona! Boifang Modimo fela o o nonofileng go ka nyeletsa mowa le mmele mo moleting.


Hong ke tlaa gadimela ka fa go ba ba fa molemeng wa me ke re, ‘Tlong, lona ba lo hutsegileng, lo yeng kwa molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng diabolo le mewa e e maswe.


“Mme ba tlaa ya kwa kwatlhaong e e sa khutleng; mme basiami ba tla a ya mo botshelong jo bo sa khutleng.”


Mme ke okeditse molao oo, e bile ke lo bolelela gore fa o shakgetse fela, le fa e le mo motseng wa gago, o lebaganywe ke katlholo! Fa o bitsa tsala ya gago seeleele, o ka nna wa tseelwa kwa kgotleng ya tshekelo fa o mo hutsa, o mo diphatseng tsa molete wa molelo.


Elang tlhoko! Ke lo tlhagisitse!


Mme gape le mo ke go rata ga Modimo: gore o seka wa tsietsa mo selong se, ka go tsaya mosadi wa monna yo mongwe, gonne Morena o tlaa go otlhaela go dira jalo ka kwatlhao e e botlhoko, jaaka re lo boleletse pele ka tlhwaafalo.


Ke selo se se boitshegang go wela mo diatleng tsa Modimo o o tshelang.


Gonne Modimo ga o a ka wa rekegela le e leng baengele ba ba neng ba leofa, mme o ne wa ba latlhela mo moleteng, ba gokeletswe mo dikgageng tse di lefifi go fitlhelela letsatsi la katlholo.


A goela kwa godimo a re, “Boifang Modimo, lo bo lo bake bogolo jwa one. Gonne lobaka lo tsile lo o tlaa nnang moatlhodi ka lone. Obamelang ene yo o dirileng legodimo le lefatshe, lewatle le metswedi yotlhe ya lona.”


Ke mang yo o se kitlang a boifa, Morena. A bo a galaletsa leina la gago? Gonne ke wena fela yo o boitshepo. Mme dichaba tsotlhe di tlaa tla di go obamela, Gonne tshiamo ya ditiro tsa gago e senotswe.”


Mme loso le molete tsa latlhelwa mo lecheng la molelo. Se ke loso lwa bobedi, ebong lecha la molelo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan