Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 12:4 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

4 “Ditsala tse di rategang, lo se ka lwa boifa ba, ba ba batlang go lo bolaya. Ka gore ba ka bolaya mmele fela mme ga ba na nonofo mo meweng ya lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

4 “Mme lona ditsala tsa me, ke lo raya ke re: Se boifeng ba ba bolayang mmele, mme morago ba se na sepe se ba ka se dirang bogolo go moo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi kia lo raea, litsala tsa me. Si boiheñ ba ba bolaeañ mele, mi morago ga mouo, ga ba na se ba ka se rihañ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 “Ke a lo raya ditsala tsa me ka re: Se boifeng ba ba bolayang mmele, mme kwa morago ba sa tlhole ba na le se ba ka se dirang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 12:4
20 Iomraidhean Croise  

“Se boifeng ba ba ka bolayang mebele ya lona fela; mme ba ka seka ba ama mewa ya lona! Boifang Modimo fela o o nonofileng go ka nyeletsa mowa le mmele mo moleting.


Mme lorato lo lekanngwa jaana, lorato lo logolo lo supega fa motho a ntshetsa ditsala tsa gagwe botshelo jwa gagwe;


Mme botshelo ga se sepe fa ke sa bo dirise go dira tiro e ke e neetsweng ke Morena Jesu, tiro ya go bolelela ba bangwe Mafoko a a Molemo kaga lorato le kutlwelo botlhoko e kgolo ya Modimo.


Erile Lekgotla le bona bopelokgale jwa ga Petere le Johane, gape le lemoga gore ga ba a rutega ke batho fela, ba hakgamala mme ba lemoga gore go nna le Jesu go ba diretse eng.


lo sa boife sepe, go sa re sepe gore baba ba lona ba ka dirang. Ba tlaa bona se e leng sesupo sa gore ba fentswe, mme mo go lona e tlaa nna sesupo se se bonalang sentle se se tswang kwa Modimong gore o na le lona, le gore o lo neile botshelo jo bo sa khutleng ka ene.


Mme jalo ga diragala fela jaaka Dikwalo di bua, gore Aberahame o ne a ikanya Modimo, mme Morena a mo supa a le molemo mo ponong ya Modimo, le gone o ne a ba a tla a bidiwa “tsala ya Modimo.”


Mme le fa ba tshwanetse, lo tshwanetse go fufegelwa, gonne Modimo o tlaa go lo duelela.


Lesa go boifa se o tlaa tlogang o se bogela, gonne Satane o tlaa akofa a latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong go lo leka. O tlaa lo bogisa selekanyo sa ‘malatsi a le lesome’ Ikanyege le fa o lebaganye le loso, mme ke tlaa go naya serwalo sa botshelo, bokamoso jo bo galalelang jo bo sa khutleng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan