Luke 12:2 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha2 Bo tlaa nna sesupo jaaka sebediso mo boping jo bo dubilweng. Faic an caibideilSetswana 19702 Ga go na sepe se se bipilweng, se se se kitlang se senolwa, le fa e le se se fitlhegileng, se se se kitlang se itsiwe. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)2 Gone ga go na sepe se se bipiloeñ se se si kitlañ se bonatsega; le se se shubiloeñ, se se si kitlañ se itsege. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo2 Ga go ne sepe se se bipilweng, se se se ketlang se senolwa; le fa e le se se fitlhegileng, se se ketlang se itsege. Faic an caibideil |
Jalo itlhokomeleng gore lo se ka lwa atlhola pele ga Morena gore a mongwe ke motlhanka yo o molemo kgotsa nnyaa. Fa Morena a tla, o tlaa ntsha lesedi gore mongwe le mongwe a tle a bone sentle gore mongwe le mongwe wa rona o ntse jang, mo teng ga dipelo tsa rona. Ke gone mongwe le mongwe o tlaa itseng gore ke eng fa re ne re dira tiro ya Morena. Ka lobaka loo Modimo o tlaa naya mongwe le mongwe tlotlego nngwe le nngwe e e tlang mo go ene.
Gonne re tshwanetse rotlhe go ema fa pele ga ga Keresete go atlholwa le matshelo a rona go bewa mo pepeneneng fa pele ga gagwe. Mongwe le mongwe wa rona o tlaa amogela sengwe le sengwe se se mo tshwanetseng sa dilo tse di molemo kgotsa tse di maswe tse o di dirileng mo mmeleng wa gagwe wa selefatshe.