Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 12:11 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

11 “Mme e re fa lo tlisiwa tshekong fa pele ga babusi ba ba Sejuta le ba ba nang le ditaolo mo matlung a thuto lo se tshwenyege ka se lo tlaa se buang go iphemela,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

11 “E re fa ba lo isa fa pele ga disenagoge le mebuso le balaodi, lo se ka lwa itshwenya gore lo tla ikarabela jang, gongwe ka eng, le fa e le gore lo tla bua eng;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mi ere ha ba lo isa kua masenagogeñ, le ha pele ga basekisi, le bathati, lo si tloriegele yañ, khotsa se lo tla se ikarabelañ, khotsa se lo tla se buañ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 “Mogang ba lo isang fa pele ga ditsheko tsa matlo a thuto, le kwa balaoding, le bathata, lo se ka lwa tlhodiegela gore lo tlaa fetola jang, le fa e le gore lo tlaa reng, gongwe gore lo tlaa buang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 12:11
14 Iomraidhean Croise  

Ke tlaa lo romelela baporofiti, le banna ba ba botlhale, le batho ba ba tletseng mowa, le bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ka mowa o o galalelang, mme lo tlaa bolaya bangwe ka go ba bapola lo tlaa ba fatola mekwatla ka go ba kgwathisa mo matlong a thuto a lona, lo bo lo ba leleka mo motsing mongwe le mongwe.


“Jalo he, tlhagiso ya me ke e: se tshwenyegeng ka ga dilo-ebong dijo, dino, madi le diaparo. Ka gore o setse o na le botshelo le mmele-mme di botlhokwa go na le se se tshwanetseng go jewa le se se tshwanetseng go aparwa.


A ditlhobaelo tsa lona tsotlhe di ka oketsa botshelo jwa lona ka motsotso o le mongwe?


“Mme ke eng fa o tlhobaela kaga diaparo tsa gago. Lebang dithunya tsa naga! Ga di tlhobaele kaga diaparo tsa tsone.


“Jalo he, se tlhobaeleng gotlhelele kaga go nna le dijo tse di lekanyeng le diaparo. Ke eng fa lo nna jaaka baheitane ka gore ba nna le boikgantsho mo dilong tse tsotlhe, gape ba amega thata kaga tsone, mme Rraeno wa legodimo o setse a itse sentle gore lo a di tlhoka.


“Jalo he, se tlhobaeleleng bokamoso, Modimo o tlaa tlhokomela bokamoso jwa lona. Lebogelang tlhabo ya letsatsi e lo e boneng.


Hong a retologela kwa barutweng ba gagwe a ba raya a re, “Se tshwenyegeng ka gore a lo na le dijo tse dintsi go ja kgotsa diaparo go apara.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan