Luke 12:1 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha1 Mme ya re ka lobakanya na loo bontsintsi jwa batho jwa ntsifala go fitlhelela ba nna diketekete ba bo ba hereetsega ba gatakana. Mme Jesu a retologela kwa barutweng ba gagwe a ba tlhagisa a re, “Mo godimo ga dilo tsotlhe, lo itlhokomeleng mo Bafarasaing ba, le ka mokgwa o ba ipayang jaaka ba siame mme ba sa siama. Mme boitimokanyi jo bo kana ga bo ka ke jwa fitlhegela ruri. Faic an caibideilSetswana 19701 E rile go sa le jalo, diketekete tsa batho di sena go phuthega, mo ba bileng ba gatana dinao, a simolola go bua pele le barutwa ba gagwe a re: “Itiseng mo matlhabegong a Bafarisai, a e leng boitimokanyo. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)1 KA e sale yalo, ga phuthega bothousanda yo bontsi yoa bathu, ga tsamaea yoa katakalana, a simolola go raea barutoa ba gague. Ga ntla, lo itise mo seberishoñ sa Bafarisai, se e leñ boitimokanyo. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo1 Gone foo, fela go sena go phuthega boidiidi jwa batho, ba ba ba tla ba ba katakalana, a simolola go raya barutwa ba gagwe sa ntlha a re: “Lo itise mo sebedisong sa Bafarisai, se e leng boitimokanyo. Faic an caibideil |
Erile fa ba fologa mekgokolosa ya thaba, ba ema le Jesu mo lobaleng lo lo tona, ba dikaganyeditswe ke bontsi jwa balatedi ba gagwe, ba le bone ba neng ba dikaganyeditswe ke bontsintsi jwa batho. Gonne batho botlhe ba ba tswang mo tikologong ya Judea le go tswa Jerusalema le go tswa bokgakala jwa bokone jwa lotshitshi lwa lewatle la Ture le Sidona ba ne ba tsile go mo reetsa a ruta kgotsa a fodisa. Mme a kgoromeletsa mewa e e maswe e le mentsi ntle.