Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 11:9 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

9 Mme go ntse fela jalo mo thapelong, tswelelang lo lope lo tlaa newa, batlang lo tlaa bona, kokotang lo tlaa bulelwa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

9 “Le gona ke lo raya ke re: “Kopang, mme lo tla newa; batlang, mme lo tla bona; konyakonyang, mme lo tla bulelwa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Mi kia lo raea, Lopañ, mi lo tla neoa: batlañ, mi lo tla bona; khuanyakhuanyañ, mi lo tla buleloa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 “Ke lo raya ke re: Lopang, mme lo tlaa newa; batlang, mme lo tlaa bona; kgwanyakgwanyang, mme lo tlaa bulelwa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 11:9
40 Iomraidhean Croise  

Lo ka amogela sengwe le sengwe, se lo se kopang ka thapelo fa lo dumela.”


Ke ofe mo go ba babedi yo o neng a dira go rata ga ga rraagwe?” Ba fetola ba re, “Ke wa ntlha.” Hong Jesu a tlhalosa se a se rayang a re: “Ammaaruri batho ba ba bosula le basadi ba diaka ba tlaa lo raka mo Bogosing.


Le fa go ntse jalo, Kgosi Solomone mo kgalalelong ya gagwe o na a sa apesiwa bontle jaaka di ntse.


Ntheetsang! Lo ka rapelela le fa e le eng, mme fa lo dumela, lo tlaa se amogela!


Mongwe le mongwe yo o kopang o tlaa amogela; botlhe ba ba batlang, ba a bona; mme go bulelwa mongwe le mongwe yo o kokotang.


“Ga lo a ntlhopha! Ke nna ke lo tlhophileng! Ke lo tlhomile go ya go ntsha maungo a mantle malatsi otlhe, gore le fa e le eng se lo se kopang mo go Rara, lo dirisa leina la me, o tlaa se lo neela.


Mme fa lo nna mo go nna lo reetsa ditaolo tsa me, lo ka kopa kopo nngwe fela e lo e ratang, mme lo tlaa e newa!


Mme Jesu a fetola a re, “Fa o ne o itsile gore Modimo o go tsholetse neo e e gakgamatsang jang, le gore ke nna mang, o kabo o nkopile metse a botshelo!”


O tlaa naya botshelo jo bo sa khutleng ba ba dirang go rata ga Modimo ka bopelotelele, ba batla kgalalelo e e sa bonweng ka matlho le tlotlo le botshelo jo bo sa khutleng jo o bo abang.


Gonne Modimo wa re, “Selelo sa lona se tsile mo go nna ka nako e e tshwanetseng, fa dikgoro tsa kamogelo di ne di atlhame. Ke lo thusitse ka letsatsi le poloko e neng e abiwa ka lone.” Gone jaanong Modimo o ipaakanyeditse go lo amogela. Gompieno o ipaakanyeditse go lo boloka.


Ga o kake wa itumdisa Modimo kwa ntle ga tumelo, kwa ntle ga go ikaega mo go One. Le fa e le mang yo o batlang go tla kwa Modimong o tshwanetse go dumela gore go na le Modimo le gore o duela ba ba o batlang ka boammaaruri.


Jalo a re tleng kwa setilong sa bogosi jwa Modimo ka bopelokgale re bo re nne teng koo go amogela kutlwelo botlhoko ya One le go nna le tshegofatso go re thusa mo dinakong tsa rona tsa botlhoki.


Fa lo batla go itse se Modimo o batlang lo se dira, o kopeng, mme o tlaa lo bolelela ka boitumelo, gonne o ipaakanyeditse ka malatsi otlhe go naya botlhe ba ba o kopang botlhale jo bogolo; o sa kgopege.


Mme thapelo ya bone, fa e dirwa ka tumelo, e tlaa mo fodisa, gonne o tlaa mo kakatlolola mme fa e le gore bolwetse jwa gagwe bo ne bo dirwa ke sebe sengwe, Morena o tlaa mo itshwarela.


gore re amogele sengwe le sengwe se re se lopang gonne re a mo obamela ebile re dira dilo tse di mo itumedisang.


“Lona ba lo setseng mo Thiatira ba lo sa latelang dithuto tse tsa tsietso (‘boammaaruri jo bo kwa teng’ jaaka ba bo bitsa, boammaaruri jwa ga Satane, tota) ga ke kitla ke tlhola ke lo kopa sepe, tshegetsang thata fela se lo nang naso go fitlhelela ke tla.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan