Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 11:8 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 “Mme ke tlaa go bolelela se, le fa a sa go direla jaaka tsala, fa o tswelela o kokota o tlaa tsoga a go neye sengwe le sengwe se o se batlang ka ntlha ya bobelotelele jwa gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

8 Ke lo raya ke re: Le fa a ne a sa ka ke a tsoga, a mo naya, ka e le tsala ya gagwe, mme ka ntlha ya kemelelo ya gagwe o tla tsoga, a mo naya ka fa a tlhokang ka teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Kia lo raea, Leha e sa coge ea e naea, ka e le tsala ea eona, leha gontse yalo, e tla coga e e naea kaha e tlokañ ka gona, ka ntla ea kemelelo ea eona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Ke a lo raya, le fa a gana go tsoga a mo naya, ka gobo e le tsala ya gagwe, le fa go ntse jalo, ka ntlha ya kemelelo ya gagwe o tlaa tsoga a mo naya ka fa o tlhokang ka teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 11:8
10 Iomraidhean Croise  

O tlaa fetola a le ka fa ntlwaneng ya borobalo a re, ‘Tswee-tswee se ntsose. Ga ke ka ke ka go thusa ka nako e!’


A lo tlaa nna barapedi mmogo le nna? Ka ntlha ya Morena Jesu Keresete, le ka ntlha ya ka fa lo nang le lorato mo go nna ka teng, lo lo lo neetsweng ke Mowa O O Boitshepo, nthapedisang thata mo tirong ya me.


Mo makgethong a mararo ke ne ka rapela Modimo go mphodisa.


Ke eletsa fa lo ne lo ka itse ka fa ke lo kgaratlhetseng ka teng mo thapelong ke rapelela lona le phuthego e e kwa Laodikea, ebile ke rapelela le ditsala tsa me tse dingwe tse dintsi tse di iseng di ke di nkitse sefatlhogo.


Epaferase, yo o tswang mo motseng wa lona, motlhanka wa ga Keresete Jesu, o a lo dumedisa. O lo rapelela ka tlhwaafalo malatsi otlhe, a kopa Modimo go lo nonotsha le go lo dira boitekanelo le go lo thusa go itse go rata ga One mo go sengwe le sengwe se lo se dirang.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan