Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 11:41 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

41 Bophepa bo supa bopelontle.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

41 Bogolo ntshang tse di mo teng go atswa bahumanegi, mme tsotlhe di tla nna phepa mo go lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

41 Mi bogolu acuañ bahumanegi ga lilo tse lo nañ naco; mi bonañ lilo cotle li tla lo itsekela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

41 Le fa go ntse jalo, atswang bahumanegi ka dilo tse di mo teng; mme bonang, dilo tsotlhe di tlaa bo di lo ntlafaletse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 11:41
37 Iomraidhean Croise  

Lo tlaa aga lo na le bahumanegi, mme ga lo na go nna le nna ka malatsi otlhe.


Naya ba ba kopang, o se ka wa hularela yo o batlang go adima mo go wena.


Gonne dijo ga di amane ka gope le pelo ya gago, mme di feta fela ka mometso di ye kwa di silwang teng,” (go bua se o ne a supa fa mofuta mongwe le mongwe o na le go ka jewa.)


Rekisang tse lo nang natso lo di neye ba ba tlhokang. Mo go tlaa oketsa dikhumo tsa lona kwa legodimong! Mme dikgwama tsa legodimo ga di gagoge e bile ga di na maroba. Dikhumo tsa lona ga di kitla di nyelela, ga go na magodu a a ka di utswang, ga go na motoutwana o o di senyang.


Mme a ke tshwanetse go lo raya ke re lo dire jalo, go reka botsalano ka go tsietsa? A mo go tlaa lo tlhomamisetsa go tsena ga lona mo legaeng la bosakhutleng kwa legodimong?


Hong Jesu a mo raya a re, “Go santse go na le sengwe se o se tlhokang, rekisa tsotlhe tse o nang natso o abele bahumanegi madi, e tlaa nna yone khumo ya gago kwa legodimong, mme o tle, o ntshale morago.”


Mme ya re ka lobaka loo, Sakaio a ema fa pele ga Morena a re, “Morena, go tloga fano ke tlaa abela bahumanegi bontlha bongwe jwa dikhumo tsa me, mme fa ke bona ke patikile mongwe mo makgethong a gagwe ke tlaa ipona molato ka go mmusetsa di tsa gagwe go menagane gane!”


Lentswe la bua gape, la re, “Se ganetsanye le Modimo! Fa o re selo se tshwanetse go jewa go raya gore se siame.”


Mme jalo badumedi ba ikaelela go romela thuso kwa Bakereseteng mo Judea, mongwe le mongwe a ntsha kafa a ka kgonang ka teng.


“Morago ga dingwaga tse dintsinyana tse di fetileng, ke ne ka boela kwa Jerusalema ka madi go thusa Bajuta, le go ntshetsa Modimo setlhabelo.


Fa tota lo tlhwaafaletse go aba, jalo ga go botlhokwa gore lo aba go le kae. Modimo o batla lo aba se lo nang naso, e seng se lo senang naso.


Fa mongwe a utswa a a go bakele, a simolole go dirisa mabogo ao a gagwe mo tirong ya boikanyego, gore a tle a abele ba bangwe ba ba tlhokang.


Motho yo o pelo e itshekileng o bona bomolemo le bophepa mo go sengwe le sengwe; mme motho yo pelo ya gagwe e bosula ebile e sa ikanyege o bona bosula mo go sengwe le sengwe, gonne mogopolo wa gagwe o o leswe le pelo ya gagwe e e tsogologelang, di baya dilo tsotlhe tse a di bonang le tse a di utlwang mmala o e seng one.


Lo se ka lwa lebala go dira tshiamo le go abalana se lo nang naso le ba ba tlhokang, gonne ditlhabelo tse di ntseng jaana di itumedisa Modimo thata.


Gonne Modimo ga o patike. O ka lebala jang tiro ya lona e e bokete e lo e o direlang, kgotsa wa lebla tsela e lo neng lo tle lo supe ka yone ka fa lo o ratang ka teng, mme ebile lo sa ntse lo tshwere lo dira jalo ka go thusa bana ba one?


Mokeresete yo o phepa a bile a sena molato, ka fa ponong ya Modimo ke yo o tlhokomelang masiela le batlholagadi, le yo mowa wa gagwe o emeng ka boammaaruri mo Moreneng, a sa marwa gope ke dibe tsa lefatshe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan