Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 11:4 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

4 Mme o re itshwarele melato ya rona gonne re itshwaretse ba ba neng ba re leofetse. Mme o se re letle go raelesega.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

4 O re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwarela ba ba melato le rona. O se re gogele mo thaelong; mme o re golole mo bosuleng.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi re icuarele libe tsa rona, gone le rona re icuarela moñue le moñue eo o molatu le rona; Mi u si re gogele mo thaeloñ, mi re golole mo boshuleñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 O re itshwarele dibe tsa rona; gonne le rona re itshwarela mongwe le mongwe yo o molato le rona. O se re gogele mo thaelong.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 11:4
31 Iomraidhean Croise  

Mme Rara wa legodimo o tlaa lo direla fela jalo fa lo gana go itshwarela bangwe ka-lona ka boammaaruri.”


Lebelelang lo rapele. Esengjalo thaelo e tlaa lo fenya. Gonne mowa tota o a rata, mme mmele o bokoa thata!”


Hong ya re a ba ruta thata ka ga thapelo, a dirisa setshwantsho se a re: “A ke re o etetse tsala ya gago bosigogare o batla go adima dinkgwe di le tharo. Otlaa mo tlhaeletsa o re, ‘Tsala ya me e nketetse e e tswang kgakala mme ga ke na sepe se e ka se jang!’


“Mme lwa reng kaga batho ba ba lesome le bofera-bobedi ba ba neng ba a swa fa kago e e godileng ya Siloama e ba wela. A e ne e le baleofi ba bagolo mo Jerusalema?


A ba raya a re, “A lo robetse! Tsogang! Rapelang gore lo se ka lwa fenngwa fa lo raelwa.”


Lefatshe le le maje le tshwantshiwa le ba ba itumelelang go reetsa dithero, mme ka mokgwa mongwe molaetsa tota o sa tsene mo go bone le gone ga o mele ebile ga o gole. Ba a itse gore molaetsa o o boammaaruri mme ba dumela ka lobakanyana fela; ere fa dipogiso di tla ba felelwe, ke kgatlhego.


Ga ke go kope gore o ba ntshe mo lefatsheng, mme ke kopa gore o ba boloke ba se ka ba wela mo nonofong ya ga Satane.


Mme gakologelwang se, dikeletso tse di bosula tse di tlang mo botshelong jwa lona ga se sepe se sesha le se se pharologanyo. Ba le bantsi ba ne ba lebagana le mathata a a ntseng fela jalo pele ga lona. Mme ga go na thaelo epe e e sa kganelesegeng. Lo ka tshepa Modimo go kganela thaelo gore e se ka ya nna le thata mo lo sa ka keng lwa e fenya, gonne Morena o solofeditse se, mme o tlaa diragatsa se a se buileng. O tlaa lo supegetsa ka fa lo ka falolang nonofo ya thaelo ka gone gore lo kgone go itshoka kgatlhanong le yone.


Mme nnang pelonolo lo ikemiseditse go itshwarela; se tsholaneng ka dipelo. Gakologelwang gore Morena o lo itshwaretse, jalo lo tshwanetse go itshwarela ba bangwe.


Mme Morena o a ikanyega; o tlaa lo nonotsha ebile o tlaa lo dibela mo ditlhaselong tsa mefuta le fa e ka nna efe ya ga Satane.


Ee, Morena o tlaa nna a nkgolola ka nako tsotlhe mo bosuleng jotlhe mme o tlaa ntlisa mo bogosing jwa gagwe jwa selegodimo. A kgalalelo e nne go Modimo ka metlha le metlha. Amen.


gonne ga go kitla go nna le kutlwelo botlhoko mo go ba ba iseng ba ke ba supe kutlwelo botlhoko. Mme fa e le gore o ntse o le kutlwelo botlhoko, jalo kutlwelo botlhoko ya Modimo e e yang kwa go wena e tlaa fenya katlholo ya gago e e tswang kwa go One.


Lesa go boifa se o tlaa tlogang o se bogela, gonne Satane o tlaa akofa a latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong go lo leka. O tlaa lo bogisa selekanyo sa ‘malatsi a le lesome’ Ikanyege le fa o lebaganye le loso, mme ke tlaa go naya serwalo sa botshelo, bokamoso jo bo galalelang jo bo sa khutleng.


“Ka ntlha ya gore o nkutlwile ka bopelotelele le fa go ne go na le dipogiso, jalo ke tlaa go sireletsa mo lobakeng lwa pitlagano e kgolo le thaelo, e e tlaa tlang mo lefatsheng go leka mongwe le mongwe yo o tshelang.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan