Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 11:13 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

13 “Mme fa baleofi jaaka lona ba naya bana se ba se tlhokang, a ga lo lemoge gore Rraeno yo o kwa legodimong o tlaa dira mo go tona, a neela Mowa O O Boitshepo ba ba o kopang?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

13 Jaanong, fa lona ba lo leng bosula, lo itse go naya bana ba lona dineo tse di molemo, kana Rraeno wa legodimo o tla naya bone ba ba mo kopang Mowa o o Boitshepo bogolo jang!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Mi lona ba boshula, ha lo itse go naea bana ba lona lineo tse ri molemo; bogolu yañ Rra enu oa legorimo o tla naea ba ba mo lopañ Moea oa Boitsepho?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 Ke gone, fa lona lo le bosula, lo itse go naya bana ba lona dineo tse di molemo; bogolo jang Rraeno wa legodimo o tlaa naya ba ba mo lopang Mowa o o Boitshepo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 11:13
30 Iomraidhean Croise  

“Ka tsela eo lo tlaa bo lo dira jaaka bana ba boammaaruri ba Rraeno yo o kwa legodimong. Gonne o tlhabisetsa basiami le ba ba sa siamang letsatsi, a nesetse basiami le ba ba sa siamang pula ka go tshwana.


Rraeno wa Legodimo o tlaa go itshwarela, fa o itshwarela ba ba go leofelang, mme fa o gana go ba itshwarela ga a kitla a go itshwarela.


Mme fa Modimo o tlhokomela dithunya tse di fano gompieno ka tlhokomelo e kgolo, mme ka moso di be di seyo, a tota ga o na go lo tlhokomela, lona batho ba tumelo e potlana?


Mme fa lona ba ba dipelo di thata, badira-dibe lo itse go fa bana ba lona dimpho tse di siameng, a Rraa-lona yo o kwa legodimong ga a na go naya ba ba mo kopang dimpho tse di siameng fela jalo?


Fa a kopa lee, a o ka mo naya phepheng? [Nnyaa!]


Mme e ke yone thapelo e a neng a e ba ruta: “Rara leina la gago le tlotlelwe boitshepo jwa lone; Romela Bogosi jwa gago ka pele.


a ga lo akanye gore Modimo o tlaa atlholela batho ba one ka tshiamo ba ba o lopang bosigo le motshegare?


Mme Jesu a fetola a re, “Fa o ne o itsile gore Modimo o go tsholetse neo e e gakgamatsang jang, le gore ke nna mang, o kabo o nkopile metse a botshelo!”


Mme Petere a fetola a re, “Sokologang mo dibeng, lo boele mo Modimong, lo bo lo kolobediwe boitshwarelo jwa dibe tsa lona mo leineng la ga Jesu Keresete; mme ke gone le lona lo tlaa amogelang neo e ya Mowa o o Boitshepo.


Sebe sa monna yo a le nosi, ebong Adamo, se dirile loso go nna kgosi mo go botlhe, mme botlhe ba ba tlaa amogelang neo ya Modimo ya boitshwarelo le kgololo ke dikgosi tsa botshelo ka ntlha ya monna yo, a le nosi, ebong Jesu Keresete.


Ke itse gore ke bodile e le ruri ka ntlha ya tlholego ya me e kgologolo ya boleo. Le fa ke re ke leka go tilela kae, ga ke kgone go itira gore ke dire tshiamo. Ke a rata mme ga ke kgone.


Ka Modimo o ise o ke o be o rekegele Morwaa one o ne wa mo ntshetsa go nna setlhabelo sa rona rotlhe, a le ene tota ga a na go re naya sengwe le sengwe?


Le rona re kile ra ne re le dieleele ebile re sa reetsa ditaolo; re ne re ntshiwa mo tseleng ke ba bangwe mme ra nna batlhanka ba dilo tse di itumedisang tsa boleo di le dintsi le dithato tsa nama tsa boikepo. Matshelo a rona a ne a tletse letlhoo le bopelotshetlha. Re ne re ila ba bangwe mme le bone ba ne ba re ila.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan