Luke 11:10 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha10 Mongwe le mongwe yo o kopang o tlaa amogela; botlhe ba ba batlang, ba a bona; mme go bulelwa mongwe le mongwe yo o kokotang. Faic an caibideilSetswana 197010 “Gonne mongwe le mongwe yo o kopang o a amogela, le yo o batlang o a bona, le yo o konyakonyang o tla bulelwa. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)10 Gone moñue le moñue eo o lopañ, oa cula; mi eo o batlañ, oa bona; mi eo o khuanyakhuanyañ, o tla buleloa. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo10 “Gonne mongwe le mongwe yo o lopang, o a amogela; le yo o batlang o a bona; le yo o kgwanyakgwanyang o tlaa bulelwa. Faic an caibideil |
Re itse ka fa ba itumelang ka teng jaanong gonne ba ne ba le boammaruri mo go ene ka nako eo, le fa ba ne ba go bogela thata. Jobe ke sesupo sa motho yo o neng a tsweletse a ikanya Morena mo matshwenyegong; mo maitemogelong a gagwe re bona ka fa leano la Modimo le neng la felela ka bomolemo ka teng, gonne Morena o tletse bopelotlhomogi le kutlwelo-botlhoko.