Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 10:42 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

42 Go na le selo se le sengwe fela se o tshwanetseng go amega mo go sone, Marea o se bone, mme ga nke ke se tsaya mo go ene!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

42 Mme se se batlegang ke se le sengwe fela. Fa e le Maria, o itlhaoletse kabelo e e molemo, e e se kitlang e tlosiwa mo go ene.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

42 Mi selo se le señue hela sa botloko; mi Marie o itseñketse kabelo e e molemo, e o si kitlañ a e tloserioa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

42 go batlwa selo se le sengwe fela; gonne Maria o itshenketse kabelo e e molemo, e o se ketlang a e tlosediwa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 10:42
36 Iomraidhean Croise  

Mme metsi a. A ke a motswedi o o ba nose-tsang ka metlha ka botshelo jo bo sa khutleng.”


“Ke bua ke gatelela gore mongwe yo o reetsang molaetsa wa me a bo a dumela mo Modimong o o nthomileng, o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ga a na go sekisiwa ka ntlha ya dibe tsa gagwe, gonne o setse a dule mo losong a tsenye mo botshelong.


Hong Jesu a mo raya a re, “Go santse go na le sengwe se o se tlhokang, rekisa tsotlhe tse o nang natso o abele bahumanegi madi, e tlaa nna yone khumo ya gago kwa legodimong, mme o tle, o ntshale morago.”


Mme tsela e e isang botshelong jo bosa khutleng ke e—ke ka go go itse wena Modimo o o boammaaruri o le esi, le Jesu Keresete, ene yo o mo romileng mo lefatsheng!


“Mme motho o boelwa ke eng fa a fenya lefatshe lotlhe mme a lathegelwa ke botshelo jwa gagwe?


Jalo itlhokomeleng ka fa lo reetsang ka gone, gonne yo o nang le gone, o tlaa newa mo go tona; mme le fa e le mang yo o senang sepe, le e leng se o nang naso tota o tlaa se tseelwa.”


“Mme Modimo wa mo raya wa re, ‘Seeleele ke wena; bosigo jono o a swa mme dilo tse tsotlhe e tlaa nna tsa ga mang?’


Fa ke abetse bahumanegi sengwe le sengwe se ke nang naso, le fa e le gore ke tshubetswe go rera Mafoko a a Molemo, mme ke ne ke sa rate ba bangwe, go ka bo go sena molemo ope.


Rekisang tse lo nang natso lo di neye ba ba tlhokang. Mo go tlaa oketsa dikhumo tsa lona kwa legodimong! Mme dikgwama tsa legodimo ga di gagoge e bile ga di na maroba. Dikhumo tsa lona ga di kitla di nyelela, ga go na magodu a a ka di utswang, ga go na motoutwana o o di senyang.


“Mme Aberahame a mo raya a re, ‘Morwaaka, gakologelwa gore erile mo botshelong jwa gago o ne o na le sengwe le sengwe se o se batlang, mme Lasaro o ne a sena sepe. Jaanong o fano o a gomodiwa mme wena o mo tlhokofatsong.


Le gone rona ba Keresete a re neetseng botshelo jo bo sa khutleng ga go tlhokege gore re tshwenyege ka gore a re rupisitswe kgotsa nnyaa; kgotsa gore a re obamela mediro ya Sejuta kgotsa nnyaa; gonne gotlhe mo re go tlhokang ke tumelo e e dirang ka lorato.


Mme mong wa gagwe a mmitsa a mo raya a re, Ke eng se ke se utlwang ka go nkutswela ga gago? Baakanya pego ya gago, gonne o tshwanetse go tlogela tiro.


Monnawe Marea a nna fa fatshe, a reeditse Jesu fa a bua.


Mme ya re ka nako nngwe fa Jesu a ile go rapela, mongwe wa barutwa ba gagwe a tla mo go ene fa a fetsa a re, “Morena re rute thapelo jaaka Johane a rutile barutwa ba gagwe.”


Jalo he, ga lo a tshwanela go baya mo dilong tse di nyelelang jaaka dijo. Nnyaa, dirisang nonofo ya lona ka go batla botshelo jo bo sa khutleng jo nna Morwa Motho ke ka bo lo nayang. Gonne Modimo Rara o nthomile gone go dira jalo.”


Mme jaana ga bo go le monna mongwe yo o neng a bidiwa Lasaro yo o neng a lwala. O ne a tswa Bethania motse wa ga gabo Marea Le Maratha mogolowe. Marea Kgaitsadia Lasaro, ke ene yo o kileng a tlotsa Morena setlolo a ba a se phimola mo dinaong tsa gagwe ka moriri.


mme baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ne ba tsile Maratha le Marea matshidiso.


Mme Marea a tsaya setlolo se se tlhwatlhwa kgolo se dirilwe ka dinkgisamonate a tlotsa dinao tsa ga Jesu ka sone, a bo a di phimola ka moriri wa gagwe. Mme ntlo ya tlala monkgo o o monate wa setlolo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan