Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 10:41 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

41 Mme Maratha e ne e le motho yo o matlhagatlhaga, mme a bo a ngongorega fa a ntse a baakanya dijo. Hong a tla kwa go Jesu a re, “Morena, a ga o bone gore ga go a siama gore ke dire tiro yotlhe nnake ene a ntse fela fa fatshe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

41 Mme Morena a mo araba a re: “Maretha, Maretha, o itshwenya ka tse dintsi, o bile o itlhokisa boiketlo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

41 Mi Yesu a araba, a mo raea, Marata, Marata, ua tloriega, mi ua itapisa ka lilo li lintsi;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

41 Morena a mo fetola a re: “Maretha, Maretha, o a tlhodiega, o itapisa ka dilo di le dintsi;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 10:41
13 Iomraidhean Croise  

mme ka bofefo dithato tsa lefatshe le menate ya mahumo le go batla go tswelela pele le go eletsa dilo tse dintle go tsene ka bofefo mme go kgoreletse molaetsa wa Modimo mo dipelong tsa bone mme go seke go nne loungo lope.


Ya re Jesu le barutwa ba gagwe ba tsweletse mo loetong lwa bone go ya Jerusalema ba tsena mo motsaneng mongwe kwa mosadi yo o neng a bidiwa Maratha o neng a ba amogela mo lwapeng lwa gagwe.


Mme Morena a mo raya a re, Maratha, tsala ee rategang, o ngongorega thata mo dilong tse tsotlhe.


Hong a retologela kwa barutweng ba gagwe a ba raya a re, “Se tshwenyegeng ka gore a lo na le dijo tse dintsi go ja kgotsa diaparo go apara.


“Itiseng! Lo se letle gore go tla ga me ka tshoganetso go lo fitlhele lo sa ipaakanya. Ke se ka ka lo fitlhela lo iketlile mo boatleng, kgotsa mo medirong ya botlhapelwa, lo gapilwe ke matshwenyego a botshelo jo, jaaka mo lefatsheng lotlhe.


Peo e e mo gare ga mitlwa e tshwantshiwa le batho ba ba dumelang mafoko a Modimo mme ba e reng morago tumelo ya bone e hupediwe ke matshwenyego le dikhumo le ditiro le maitumelo a botshelo. Mme jalo ga ba na nonofo ya go thusa ope go dumela Mafoko a a Molemo.


Mme jaana ga bo go le monna mongwe yo o neng a bidiwa Lasaro yo o neng a lwala. O ne a tswa Bethania motse wa ga gabo Marea Le Maratha mogolowe. Marea Kgaitsadia Lasaro, ke ene yo o kileng a tlotsa Morena setlolo a ba a se phimola mo dinaong tsa gagwe ka moriri.


Lefa Jesu a ne a rata Maratha le Marea le Lasaro thata,


Mme Jesu a baakanyediwa modiro wa tlotlo teng. Maratha a ba tsholela mme Lasaro ene a nna le bone kwa lomating lwa bojelo (tafole).


Lo se ka lwa tshwenyega kaga sepe; mo boemong jwa moo, rapelang kaga sengwe le sengwe. Bolelelang Modimo se lo se tlhokang mme lo se lebale go O lebogela dikarabo tsa one.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan