Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 10:34 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

34 A obama ka mangole fa go ene a tlotsa dintho tsa gagwe molemo a ba a di fapa. Mme a pega monna mo tonking a tsamaya fa thoko ga gagwe go fitlhelela ba tsena hoteleng, kwa o neng a mo oka bosigo jotlhe teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

34 a ya fa go ene, a fapa dintho tsa gagwe, a di tshela lookwane le weine, a ba a mo palamisa pelesa ya gagwe, a mo isa kwa ntlong ya baeti, a mo tlamela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

34 Mi a ea go ena, a boha likuenesho tsa gague, a tsela loukuane le boyaloa mo go cona, mi a maea mo peleseñ ea gague; mi a mo isa kua tluñ ea baeti, mi a mo risa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

34 a ya mo go ene a fapa dintho tsa gagwe, a di thela lookwane le bojalwa jwa mofine, a mo pega mo peleseng ya gagwe, a mo isa kwa ntlong ya baeti, a mo tlamela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 10:34
14 Iomraidhean Croise  

O dirile se a neng a ka se kgona, mmele wa me o o tloleditse phitlho go sa le gale.


“Mme ga tla Mosamaria yo o nyatsegileng, e rile a mmona, a tlhomoga pelo thata.


Ka letsatsi le le latelang a naya motlhokomedi wa hotele dipula di le masome a mane a mo laela gore a tlhokomele monna yoo a mo raya a re, ‘Fa ditshenyegelo tsa gago di feta foo; ke tlaa go duela a a setseng fa ke boa.’


mme a tshola ngwana wa ntlha, e le mosimane. A mo phuthela ka kobo a mmaya mo bojelong jwa diruiwa, gonne ba ne ba sena bonno mo motseng wa baeti.


Mo boemong jwa go dira jalo, fa mmaba wa gago a bolailwe ke tlala, mo fe dijo. Fa a tshwerwe ke lenyora mo nose, ka go dira jalo, o tlaa bo o “Tlhatlaganya magala a molelo mo tlhogong ya gagwe.” Ka mafoko a mangwe o tlaa itlhabelwa ke ditlhong ka ntlha ya se a se go diretseng.


Lo bone gore ope a seka a busolosa bosula ka bosula, mme ka malatsi otlhe lo leke go diralana molemo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan