Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 10:22 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

22 Ke moemedi wa ga Rre mo dilong tsotlhe; mme ga go ope tota yo o itseng Morwa fa e se Rara, le gone ga go ope yo o itseng Rara fa e se Morwa le ba Morwa o ba tlhophang go mo senola.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

22 “Dilo tsotlhe ke di neilwe ke Rre. Ga go ope yo o itseng gore Morwa ke mang, fa e se Rara, le gore Rara ke mang, fa e se Morwa le yo Morwa o ka ratang go mo mo senolela.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

22 Lilo cotle ki li neiloe ki Rre; mi ga go ope eo o itseñ Moroa e mañ, ha e si Rra, le Rra e mañ, ha e si Moroa, le go eo Moroa o ratañ go mo shupetsa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

22 “Dilo tsotlhe ke di neetswe ke Rre; mme ga go ope yo o itseng Morwa gore e mang, fa e se Rara; le Rara gore e mang, fa e se Morwa, le mongwe yo Morwa o ratang go mo mo senolela.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 10:22
20 Iomraidhean Croise  

Mme Jesu a rapela thapelo e, “Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ke lebogela gore o fitlhetse ba ba ikgopolang ba le botlhale boammaaruri, mme wa bo senolela banyana!


“Boammaaruri jotlhe ke bo neetswe ke Rre. Rara fela ke ene a itseng Morwa, le Rara o itsiwe ke Morwa fela le ba Morwa o ba mo senolelang.


A raya barutwa ba gagwe a re, “Ke neilwe taolo yotlhe kwa Legodimong le mo lefatshing.


Ga go na ope yo tota o kileng a bona Modimo ka matlho, fa e se Morwawe fela a le esi yo o mmonyeng, gonne ke mopati wa ga Rara ebile o re boleletse gotlhe ka ga Ene.


Fela jaaka Rara a nkitse le nna ke itse Rara; jalo ke ntshetsa dinku botshelo jwa me.


Mme botlhe fela, ka e le ba me, ke ba gago; mme o ba buseditse mo go nna ka sengwe le sengwe se e leng sa gago, jalo ba o ba nneileng ke kgalalelo ya me!


Gonne o mo neile taolo mo godimo ga banna le basadi mo lefatsheng lotlhe. O neela mongwe le mongwe botshelo jo bo sa khutleng jo o bo mo neileng.


Mme ke go senotse mo go bone, jalo ke tlaa nna ke go senola gore lorato lwa gago lo logolo lo o ntshotseng ka lone lo nne mo go bone, le nna ke nne mo go bone.”


Mme jaanong, Rara, senola kgalalelo ya me jaaka ke eme fa pele ga gago, kgalalelo e re neng ra e tlhakanela pele ga lefatshe le simologa.


Rara o rata monna yo gonne ke Morwae, mme Modimo o mo neile sengwe le sengwe se se leng teng.


Morago ga moo bokhutlo bo tlaa tla fa o tlaa busetsang bogosi kwa go Modimo Rara, a beile fa fatshe baba botlhe ba mefuta mengwe le mengwe.


Gonne Modimo, o o rileng, “A go nne lesedi mo lefifing”, o dirile gore re tlhaloganye gore ke phatshimo ya kgalalelo ya one e e bonalang mo sefatlhogong sa ga Jesu Keresete.


kwa godimo-dimo thata go feta kgosi le fa e ka ne e le efe kgotsa mmusi kgotsa molaodi yo o sa fetolweng kgotsa moeteledipele. Ee, tlotlo ya gagwe e galalela thata go feta le fa e le ya ga mang mo lefatsheng leno kgotsa mo lefatsheng le le tlang.


Ebile o mo tlhomile go nna motlhokomedi wa sengwe le sengwe se se leng teng. Ga gona sepe se se tlogetsweng”. Ga re ise re bo re bone gotlhe mo go diragala,


Ebile re itse gore Keresete, Morwa Modimo, o tletse go re thusa go tlhaloganya le go itse Modimo wa boammaaruri. Mme jaanong re mo Modimong gonne re mo go Jesu Keresete Morwaone yo e leng Modimo wa boammaaruri a le nosi; ebile e le Botshelo jo bo sa khutleng.


Gonne fa lo tlolela kwa pele go feta thuto ya ga Keresete, lo tlaa tlogela Modimo kwa morago; mme fa lo ikanyega mo dithutong tsa ga Keresete, lo tlaa nna le Modimo. Mme lo tlaa nna le Rara le Morwa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan