Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 10:21 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

21 Mme a tlala boitumelo jwa Mowa O O Boitshepo a re, “Ke a go baka, Rara Morena wa legodimo le lefatshe, ka go fitlhela ba ba nang le ditlhaloganyo le botlhale, dilo tse, mme wa di senolela ba ba ikanyegang jaaka bana. Ee, ke a leboga, gonne ke ka fa o batlileng ka teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

21 Ka yona nako eo Jesu a ipela mo Moweng o o Boitshepo a re: “Ke a go leboga, Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ka gonne dilo tse o di subetse ba ba botlhale le ba ba tlhaloganyang, mme o di senoletse ba e leng bana. Ee, Rara; gonne go ne go go kgatlha jalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

21 ¶ Yesu a itumela mo moeeñ mo oureñ ouo, mi a re, Kia gu itumelela, Rra, Morena oa legorimo le lehatse, ka u shubile lilo tse mo matlaliñ, le ba ba tlaloganyañ, mi u li bonaritse mo banyaneñ ba banye: E, Rra; gone gole gole khatlego ha pele ga gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

21 Ya re mo lobakeng loo Jesu a itumela ka Mowa o o Boitshepo a re: “Ke a go leboga, Rra, Morena wa legodimo le lefatshe; ka gobo dilo tse o di lobetse ba ba botlhale le ba ba tlhaloganyang, mme o di senoletse banyana ba bannye; ee, Rra, gonne go ne go le kgatlhego mo matlhong a gago gore go nne jalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 10:21
29 Iomraidhean Croise  

Jesu a mo raya a re, “Modimo o go segofaditse, Simone, morwa Jona. Gonne Rara yo o kwa legodimong ke ene yo o go senoletseng dilo tse ka boene, ga go a tswa mo go ope.


Jesu a fetola a re, “Ee, a ga lo ise lo ke lo bale dikwalo? Gonne tsa re, ‘Le bananyana tota ba tlaa mo galaletsa!’ ”


Mme e rile a bona Bafarasai le Basadukai ba le bantsi ba tla go kolobediwa, a ba nyatsa a re, “Losika lwa dinoga ke lona! Yo o lo reileng a re lo ne lo ka falola mo bogaleng jwa Modimo jo bo tlang ke mang?


Ke lo bolelela ka tlhoafalo jaaka ke itse gore fa mongwe a gana go tla mo Modimong jaaka ngwana yo monnye ga a kitla a letlelelwa go tsena mo Bogosing jwa One.”


Mme o tlaa e baya mo magetleng o ya gae ka boitumelo.


A mme ga a ka ke a bitsa ditsala tsa gagwe ba a agileng nabo go itumela nae?


Mme ba pitikololela lentswe fa thoko. Jesu a leba kwa legodimong mme a re, “Rara, ke lebogela go nkutlwa ga gago.


Fa Mafoko a a Molemo a re a rerang a siregetse bangwe, a siregetse yo o tsamayang mo tseleng e e isang losong lo lo sa khutleng.


Segolo jang ka ntlha ya se Keresete a se dirileng, re nnile dimpho tsa Modimo tse o di itulelang, mme ka ele bontlhabongwe jwa leano la bogosi re sale re tlhophiwa go nna ba One go tswa tshimologong, mme dilo tsotlhe di diragala fela jaaka o sale o ikaeletse bogologolo.


Leano la one le le sa fetogeng e ntse ka malatsi otlhe e le go re dira ba lelwapa la One ka go roma Jesu Keresete go tla go re swela. Mme o ne o dira jaana ka gore o ne o batla go dira jalo!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan