Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 10:16 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

16 Mme a raya barutwa ba gagwe a re, “Ba ba lo amogelang ba amogela nna. Mme ba ba lo ganang ba gana nna. Le ba ba nkganang ba gana Modimo o o nthomileng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

16 “Yo o lo utlwang o utlwa nna; yo o lo nyatsang o nyatsa nna, mme yo o nnyatsang o nyatsa ene yo o nthomileng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 Eo o lo utluañ, oa ’nkutlua; mi eo o lo cuitlañ, oa ’ncuitla; mi ena eo o ’ncuitlañ, oa cuitla ena eo o ’nthomileñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 Yo o utlwang lona, o utlwa nna; yo o ganang lona, o gana nna; mme yo o ganang nna o gana ene yo o nthomileng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 10:16
17 Iomraidhean Croise  

“Ba ba lo tsholang ‘sentle ba tshola nna. Mme fa ba ntshola ba tshola Modimo oo nthomileng’.


Mme le fa e le mang mo go lona yo o tsholang ngwananyana yo monnyennyane jaaka yo, ka ntlha ya gore lo ba me, o tshola nna ebile o a ntlhokomela.


“Le fa e le mang yo o amogelang ngwana yo monnye jaana mo leineng la me o amogela nna, mme le fa e le mang yo o mo amogelang o amogela Rre yo o nthomileng!”


mme a ba raya a re, “Le fa e le mang yo o tlhokomelang ngwananyana yo o tshwanang le yo, o tlhokomela nna! Mme le fa e le mang yo o ntlhokomelang o tlhokometse Modimo o o nthomileng. Tlhokomelo ya lona mo go ba bangwe ke sone selekanyo sa bogolo ba lona.”


Mme Jesu a goela kwa bontsintsing a re, “Fa lo ntumela lo dumela Modimo.


Mme botlhe ba ba nkganang le molaetsa wa me, ba tlaa atlholwa ka Letsatsi la Katlholo ka mafoko a boammaaruri a ke a buileng.


“Ammaaruri, le fa e le mang yo o amogelang Morongwa wame, yo ke tlaa mo romang, o amogela nna. Mme go nkamogela ke go amogela Rara yo o nthomileng.”


Setsha e ne e le sa gago go se rekisa kgotsa nnyaa, go ya fela ka fa o neng o rata ka teng. Mme morago ga o sena go se rekisa, e ne e le ga gago go bona gore o ntsha bokae. Ke eng fa o ne o dira jaana? Ga oa aketsa rona o akeditse Modimo.”


Mme le fa bolwetse jwa me bo ne bo lo tena, ga lo a ka lwa nkgana lwa nteleka. Nnyaa, lo ne lwa nkamogela lwa ba lwa ntlhokomela jaaka ekete ke moengele yo o tswang kwa Modimong, kgotsa Jesu Keresete ka sebele.


Fa mongwe a gana go tshela ka fa ditaolong tse, ga se gore o gana ditaolo tsa batho mme o gana tsa Modimo o o lo nayang Mowa O O Boitshepo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan