Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 10:1 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Hong Morena a tlhopha barutwa ba le masome a supa mme a ba roma ka bobedi ka bobedi mo metseng le metsana e o neng a laotse go e etela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

1 Morago ga dilo tseo Morena a tlhomamisa ba bangwe ba le 70, a ba roma ka bobedi le bobedi go mo etelela pele kwa motseng mongwe le mongwe le felong gongwe le gongwe kwa a tla fitlhang teng ka esi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI yana, morago ga mouo, Morena a laolela ba bañue ba le sevente, mi a ba roma ka bo tu, le bo tu, ha pele ga sehatlogo sa gague, mo metseñ eotle, le goñue le goñue, kua o tla hitlañ gona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Jaana morago ga dilo tse, Morena a baakanya ba bangwe ba le 70, a ba roma ka bobedi le bobedi fa pele ga sefatlhogo sa gagwe, ba ya mo metseng yotlhe, le gongwe le gongwe kwa le ene o tlogang a ya teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 10:1
14 Iomraidhean Croise  

E tlaa nna motho yo o mowa o makgawekgawe a nonofile jaaka Elija, moporofiti yo mogolo; mme o tlaa etelela pele go tla ga ga Mesia, a baakanyetsa batho go goroga ga gagwe. O tlaa ba ruta go rata Morena fela jaaka bagolwane ba bone ba ne ba dira, le go tshela jaaka batho ba ba boifang Mo-dimo.”


“Mme wena morwaaka yo mmotlana, o tlaa bidiwa moporofiti wa Modimo o o galalelang, gonne o tlaa baakanya ditsela tsa ga Mesia.


E rile fa Morena a mmona, pelo ya gagwe ya tlala kutlwelobotlhoko. Mme a mo raya a re, “Se lele!”


a romela bangwe ba barutwa ba gagwe ba le babedi kwa go Jesu go ya go mmotsa ba re, “A o Mesia tota? Kgotsa re nne re mo lebeletse?”


Mme ya re ka letsatsi lengwe a romela barongwa kwa pele go ya go ba baakanyetsa matlwana mo motseng wa Samaria.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan