Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:80 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

80 Mme e rile ngwana a sena go gola a rata Modimo thata. A nna kwa ntle mo sekakeng a le esi go fitlhelela a simolola thuto ya gagwe mo Iseraele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

80 Mme ngwana a gola, a tia mo moweng; a ba a nna mo dikakeng go fitlha mo letsatsing la go ipontsha mo go Iseraele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

80 Mi ñuana a gola, a na thata mo moeñ, mi o la a le gareganaga go tsatsiñ ya icupeco ea gague go Yeserela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

80 Jalo ngwana a gola, a nonofa mo moweng; mme a nna mo dinageng go ya go fitlha mo lobakeng lwa go itshupa ga gagwe mo go Iseraele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:80
11 Iomraidhean Croise  

Erile barutwa ba ga Johane ba sena go tsamaya, Jesu a simolola go bua le bontsintsi jwa batho ka ga gagwe a re, “Erile lo tswela mo sekakeng se se senang sepe go bona Johane, lo no lo solofetse gore lo tlaa mmona a ntse jang? A tshwana le tlhaga e e fokang mo phefong?


E rile fa ba sa ntse ba le mo Nasaretha, Johane wa Mokolobetsi a simolola go rera mo sekakeng sa Judea. Thero ya gagwe gangwe le gape e ne e re,


Gonne e tlaa nna mongwe wa batho ba bagolo ba Morena. A se ka a nwa mofine kgotsa seno se se tagisang-gonne o sa le a tladitswe ka Mowa o o Boitshepo, le e leng pele ga a tsalwa!


Koo ngwana a feta a nna mosimane yo o thata yo o nonofileng, a ba a itsiwe ka botlhale jo bo fetileng dingwaga tsa gagwe; mme Modimo wa gorometsa matlhogonolo a one mo go ene.


Mme Jesu a gola a nna moleele ebile a le botlhale, mme a ratwa ke Modimo le batho.


Ke ne ke sa itse gore ke ene, mme ke fano ke kolobetsa ka metse gore ke mo supe mo chabeng ya Iseraele.”


gonne o ne a ganetsa Bajuta mo pepeneneng a supa ka dikwalo gore Jesu ka boammaaruri ke Mesia.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan