Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:74 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

74 le go re naya tshwanelo ya go direla Modimo kwa ntle ga poifo, re golotswe mo babeng ba rona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

74 go re naya gore e re re golotswe mo mabogong a baba ba rona, re o direle re se na poifo,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

74 Ka re golocoe mo atleñ tsa baba ba rona, re o rihele esiñ ka poiho,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

74 Fa o tlaa re naya gore e tle e re re golotswe mo diatleng tsa baba ba rona, re o direle re se na poifo,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:74
21 Iomraidhean Croise  

gore o tlaa re romelela mongwe yo o tlaa re gololang mo babeng ba rona, le mo go botlhe ba ba re ilang.


Le go re dira boitshepo le go amogelesega, re siametse go ema fa pele ga one ka bosakhutleng.


Mme jaanong lo gololesegile mo nonofong ya boleo lo batlhanka ba Modimo, mme thobo ya lona mo go one ke boitshepo le botshelo jo bo sa khutleng.


Jalo ga re a tshwanela go tshwana le batlhanka ba ba boi ba ba magatlapa, mme re tshwanetse go nna jaaka bana ba Modimo ka sebele, ba ba dirilweng bana ka go tsenngwa mo lwapeng lwa one, go mmitsa “Rara, Rara.”


Gonne Mowa O O Boitshepo, neo ya Modimo, ga o rate gore wena o tshabe batho, mme e leng go nna botlhale le nonofo, le go ba rata le go itumelela go nna le bone.


Ke gone fela ka tsela eo, a neng a ka golola ba ka ntlha ya poifo ya loso ba neng ba ntse ba tshela botshelo jwa bone jotlhe e le magolegwa mo letsho-gong le legolo le le tsweletseng pele.


a o ko akanye gore madi a ga Keresete one a ne a ka fetola matshelo le dipelo tsa rona go le kae. Setlhabelo sa gagwe se re golola mo go tshwenyegeng go patelesega go obamela melao e megologolo, ebile se re dira gore re batle go direla Modimo o o tshelang. Gonne ka thuso ya Mowa O O Boitshepo wa bosakhutleng, Keresete o ne a ineela mo Modimong ka go rata go swela dibe tsa rona, ene a le boitekanelo, a se na le fa e le sebe kgotsa molato.


Lesa go boifa se o tlaa tlogang o se bogela, gonne Satane o tlaa akofa a latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong go lo leka. O tlaa lo bogisa selekanyo sa ‘malatsi a le lesome’ Ikanyege le fa o lebaganye le loso, mme ke tlaa go naya serwalo sa botshelo, bokamoso jo bo galalelang jo bo sa khutleng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan