Luke 1:70 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha70 fela jaaka a solofeditse ka baporofiti ba gagwe ba ba boitshepo mo lobakeng lo lo fetileng Faic an caibideilSetswana 197070 jaaka o buile ka melomo ya baporofeti ba ona ba ba boitshepo go tswa metlheng ya bogologolo Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)70 Yaka o buile ka melomo ea baperofeti ba boitsepho ba ona, ba ba le ba leo ka tsimologo ea lehatse; Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo70 Jaaka o buile ka melomo ya baperofeti ba one ba ba boitshepo, ba ba ntseng ba le yo e sa le ka tshimologo ya lefatshe; Faic an caibideil |
Mme ere ka Keresete a le mogolo thata, Mowa O O Boitshepo o re tlhagisa go mo reetsa, go ela tlhoko go utlwa lentswe la gagwe gompieno, le go itsa dipelo tsa rona go nna kgatlhanong nae, jaaka bana ba Iseraele ba ne ba dira. Ba ne ba ithatafatsa dipelo go nna kgatlhanong le lorato lwa one ba bo ba o ngongoregela mo sekakeng a santse a ba leka.
Ba ne ba bolelelwa kwa morago gore dilo tse ga di kitla di diragala mo lobakeng lwa botshelo jwa bone, mme e leng morago ga dingwaga tse di tlang, mo lobakeng lwa lona. Mme jaanong kwa bofelong Mafoko a a Molemo a, re a boleletswe sentle rotlhe. Re a reretswe ka nonofo ya Mowa o o Boitshepo o o buileng le bone; mme ga go a tlwaelesega ebile go a hakgamatsa gore le e leng bone baengele kwa legodimong ba tlaa dira thata go itse kaga gone.
Mme ka wela fa dinaong tsa gagwe go mo obamela, mme a re, “Nnyaa! o se ka wa nkobamela! Gonne ke motlhanka wa Modimo fela jaaka wena, le jaaka bakaulengwe ba gago ba ntse mo Moreneng, ba ba supang ka tumelo ya bone mo go Jesu. Maikaelelo a seporofeso sotlhe le a gotlhe mo ke go go supegeditseng ke go bolela kaga Jesu.”