Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:7 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

7 Mme ba ne ba sena bana, gonne Elisabetha e ne e le moopa; mme ka bobedi jwa bone ba bo ba tsofetse thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

7 Mme ba bo ba se na ngwana, ka Elisabete e le moopa, ba bile ba setse ba tsofetse ka bobedi jwa bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Mi ba bo ba si na ñuana, gone Elisabete a la a le moopa, mi ba tu ba bo ba cohetse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Ba bo ba se na ngwana, ka Elisabethe a le moopa, ba bile ba setse ba tsofetse thata boo babedi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:7
16 Iomraidhean Croise  

Polelo ya me e simologa ka Moperesiti wa Sejuta, ebong Sakarea yo o tshedileng ka lobaka lwa Herode e le kgosi ya Judea. Sakarea e ne e le leloko la batsamaisi ba Tempele ya ga Abija, (mosadi wa gagwe Elisabetha le ene o ne a tshwana le ene e le leloko la baperesiti ba morafe wa Sejuta, wa losika lwa ga Arone.)


Sakarea le Elisabetha e ne e le batho ba ba boifang Modimo, ba tlhokometse go utlwa melao yotlhe ya Modimo mo moweng le mo lokwalong.


Ka letsatsi lengwe ya re Sakarea a tsamaisa tiro ya gagwe mo Templeng, gonne lesomo la gagwe le ne le le mo tirong mo bekeng eo, tlotlego ya mo tlela ya go tsena mo felong ga Boitshepo go ya go fisa mashwalo fa Pele ga Modimo.


Mme ka ntlha ya gore tumelo ya gagwe e ne e nonofile, o ne a seka a tshwenyega kaga lobaka lwa gore o ne a tsofetse thata go ka nna motsadi, ka nako eo o ne a le dingwaga di le lekgolo, le ene Sara mosadi wa gagwe o ne a le dingwaga di le masome a fera bongwe, a tsofetse thata go ka nna le ngwana.


Sara, le ene o ne a na le tumelo, mme ka ntlha ya yone tumelo e, o ne a bona nonofo ya go nna le ngwana ntswa a ne a tsofetse, gonne o ne a lemoga gore Modimo o o mo solofeditseng, o tlaa diragatsa tsholofetso ya one.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan