Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:68 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

68 Bakang Modimo, Morena wa Iseraele gonne o tsile go etela batho ba gagwe mme o ba golotse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

68 “A go bakwe Morena, Modimo wa Iseraele; gonne o lekotse morafe wa ona, wa o direla kgololo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

68 Go tsegohala Morena Morimo oa Yeserela; gone o lekotse, mi o rekolotse bathu ba ona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

68 “A go bakwe Morena Modimo wa Iseraele, gonne o lekotse batho ba one, o bile o ba diretse thekololo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:68
24 Iomraidhean Croise  

gore o tlaa re romelela mongwe yo o tlaa re gololang mo babeng ba rona, le mo go botlhe ba ba re ilang.


ba bo ba go ripitlela fa fatshe le bana ba gago ba o nang nabo; ga ba kitla ba tlogela leje le tlhatlaganye le le lengwe, gonne o ganne sebaka se Modimo o se go neileng.”


A atamela fa Simione a sa ntse a bua le Marea le Josefe, mme a simolola go leboga Modimo le go itsise mongwe le mongwe mo Jerusalema yo a neng a letile go tla ga Mmoloki kaga kgorogo ya ga Mesia.


Re ne re solofetse gore e ne e le Mesia yo o galalelang yo o tsileng go golola Iseraele. Mme jaanong, mo godimo ga mo gotlhe mo go diragetseng mo malatsing a mararo a a fetileng,


Letshogo le legolo la tsena batho, mme ba goa ba baka Modimo. Ba re, “Moporofiti yo mogolo o tsogile mo gare ga rona mme re bonye letsogo la Modimo le dira gompieno!”


Mme re galaletsa Modimo thata jang, Ra-Morena wa rona ebong Jesu Keresete, yo o re segofaditseng ka lesego lengwe le lengwe mo legodimong ka gobo re le ba ga Keresete.


Jalo he, bopelonomi jwa One bo a penologa mo go rona gonne o ne wa tlosa dibe tsotlhe tsa rona ka madi a Morwaa One, yo re bolokwang ka ene;


mme a tsaya madi gangwe fela e le la bofelo a tsena nao mo ntlwaneng e e kwa teng, ebong Boitshepo jwa Maitshepo, mme a a kgatsha mo setilong sa kutlwelo botlhoko; mme e ne e se madi a dipodi kgotsa a dinamane. Nnyaa, o ne a tsaya madi a gagwe, mme ka sebele, a tlhomamisa poloko ya rona ya bosakhutleng.


A tlotlo yotlhe e nne mo Modimong, Modimo Rara wa Morena wa rona Jesu Keresete: gonne ke kutlwelo-botlhoko ya gagwe ya kgololesego e e re neileng tshwanelo e e faphegileng ya go tsalwa sesha; gore jaanong re bo re le maloko mo lwapeng lwa Modimo. Jaanong re tshela mo tsholofelong ya botshelo jo bo sa khutleng ka ntlha ya gore Keresete o tsogile gape mo baswing.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan