Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:6 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

6 Sakarea le Elisabetha e ne e le batho ba ba boifang Modimo, ba tlhokometse go utlwa melao yotlhe ya Modimo mo moweng le mo lokwalong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

6 Ba bo ba siame fa pele ga Modimo ka bobedi jwa bone, ba tsamaya mo ditaolong tsotlhe le mo ditaong tsa Morena, ba se na molato.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Mi ba tu ba, ba bo ba siame ha pele ga Morimo, ba tsamaea mo litaoloñ cotle, le mo mekhueñ ea Morena, ba sina molatu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Ba bo ba le tshiamo fa pele ga Modimo ka bobedi jwa bone, ba tsamaya mo ditaolong tsotlhe le mo ditaong tsa Morena ba se na molato.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:6
33 Iomraidhean Croise  

Mme ba ne ba sena bana, gonne Elisabetha e ne e le moopa; mme ka bobedi jwa bone ba bo ba tsofetse thata.


Mme a ba raya a re, “Lo apara tshiamo ya lona mo pepeneneng, mme Modimo o itse bosula jwa dipelo tsa lona. Go ipaya ga lona jaaka ekete lo siame go lo tlisetsa tlotlo mo bathong, mme ke makgapha fa pele ga Modimo.


Ka letsatsi leo monna yo o bidiwang Simione moagi wa Jerusalema, o na a le mo tempeleng. E ne e le monna yo o siameng, morapedi yo mogolo, a tletse Mowa o o Boitshepo ebile ka metlha yotlhe a solofetse Mesia go tla ka bonako.


“Kgosi Dafide o kile a ama mafoko a a builweng ke Jesu fa a re, ‘Ke itse gore Morena o na le nna ka malatsi otlhe o a nthusa, nonofo e kgolo ya Modimo e a ntshireletsa.


Mme erile Paulo a tsepega matlho mo go ba lekgotla, a ba raya a re, “Bagaetsho, ke ntse ke tshela fa pele ga Modimo ka pelo e e siameng!”


Mme ka ntlha ya se, ke leka ka bojotlhe gore ka metlha yotlhe ke nne le pelo e e senang sekgopi fa pele ga Modimo le batho.


Ga o ka ke wa nna le seabe mo go se, gonne pelo ya gago ga e a siama fa pele ga Modimo.


Jaanong re ka tshegetsa melao ya Modimo fa re sala morago Mowa O O Boitshepo re bo re khutlisa go obamela tlholego e kgologolo e e bosula e e mo go rona.


Ke a itumela, bakaulengwe ba ba rategang, ka gore lo ntse lo gakologelwa ebile lo dira dilo tsotlhe tse ke lo di rutileng.


Re itumela thata gore ka boikanyego jotlhe mo ditirong tsa rona tsotlhe re ne re itshekile ebile re le pelo e phepa, re ikanya mo Moreneng ka tshisibalo gore a re thuse, e seng ka fa botlhaleng jwa rona. Mme mo go boammaaruri jo bogolo, fa go kgonega, kaga mokgwa o re o dirisitseng mo go lona.


gore ope a se ka a lo bona molato. Lo tshwanetse go tshela lo le phepa, matshelo a a phepa jaaka bana ba Modimo mo lefatshing le le lefifi le le tletseng batho ba ba kgopo le logwadi. Phatsimang mo go bone lo le masedi a lefatshe,


O dirile jaana ka ntlha ya go swa ga mmele wa gagwe wa botho mo mokgorong, mme ka ntlha ya go dira jalo Keresete o lo tlisitse fa pele ga Modimo ka sebele, mme lo eme foo fa pele ga gagwe go se na sepe se se setseng kgatlhanong le lona, go se na sepe se se setseng se a neng a ka se lo omanyetsa;


Mo go tlaa dira gore dipelo tsa lona di nonotshiwe, di tlhoke boleo di bo di itshepisiwe ke Modimo Rraa rona, gore lo tle lo eme fa pele ga one mo letsatsing leo lo sena molato fa Morena wa rona Jesu Keresete a bowa le botlhe bao ba e leng ba gagwe.


Ditsala tse di rategang, e re fa lo ntse lo lebeletse dilo tse go diragala le go tla ga gagwe, lekang thata go tshela lo sa leofe; lo bo lo nne kagiso mo go mongwe le mongwe gore a tle a lo itumelele motlhang a bowang.


E re ka re itse gore Modimo o siame ka malatsi otlhe o bile o dira fela se se siameng, re ka tseela fela gore botlhe ba ba dirang tshiamo ke bana ba One.


Mme re ka tlhomamisa jang gore re ba gagwe? Re ka tlhomamisa ka go sekaseka bokafateng jwa rona ra re: a tota re leka go dira se a batlang re se dira?


Ao bana ba me ba ba rategang, se letleng ope go lo tsietsa kaga se: fa lo dira se se molemo ka malatsi otlhe, ke ka ntlha ya gore lo molemo, fela jaaka a ntse.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan