Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:51 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

51 “Nonofo ya letsogo la gagwe e kgolo jang! O faladitse baikgantshi le ba ba ikgodisang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

51 O dirile ka thata ya letsogo la gagwe; a falatsa ba ba ikgodisang mo kakanyong ya dipelo tsa bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

51 O rihile tiho e e thata ka cogo ya ona; o halaritse ba bopeluumpe mo likhakologeloñ tsa pelu tsa bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

51 O supile nonofo ka letsogo la one; o faladitse ba ba pelompe mo ditlhatlhanyong tsa dipelo tsa bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:51
32 Iomraidhean Croise  

Ee, ba itsile kaga one sentle thata, mme ga ba a ka ba dumela gore ba a o itse kgotsa ba o obamela le fa e le go o leboga ka fa o ba tlhokomelang ka teng malatsi otlhe. Mme morago ga lobakanyana ba simolola go akanya dikakanyo tsa boeleele tsa gore Modimo o ntse jang le gore o batla gore ba dire eng. Jalo ga diragala gore megopolo ya bone ya boeleele e fifale e bo e tlhakatlhakane.


Ditlhabano tse di ka fenya dikganetsanyo tse di tletseng boikgodiso tse di kgathanong le Modimo le dipotana dingwe le dingwe tse di ka agiwang go kgoreletsa batho go mmona. Ka ditlhabano tse, ke ka gapa dirukhutlhi, ka bo ka di busetsa mo Modimong, ka bo ka di fetola go nna batho ba dikeletso tsa dipelo tsa bone di obamelang Keresete.


Lona makawana, lo nne kutlo mo go ba bagolwane. Mme lotlhe lo direlane ka mewa e e kokobetseng, gonne Modimo o naya ba ba ikokobetsang masego a a faphegileng, mme o tlhabana le ba ba ikgogomosang.


Mme ke gone ka moo kutlobotlhoko ya loso le selelo le mmopamo di tlaa mo tlela ka letsatsi le le lengwe, mme o tlaa nyelediwa ka molelo; gonne Morena yo o mo atlholang o mogolo.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan