Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:41 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

41 Mme ya re Elisabetha a utlwa tumediso ya ga Marea, ngwana a tlola mo sebopelong sa gagwe mme Elisabetha a tlala Mowa o o Boitshepo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

41 Ya re Elisabete a utlwa tumediso ya ga Maria, ngwana a tlola mo mpeng ya gagwe. Mme Elisabete a tlala Mowa o o Boitshepo,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

41 Mi ga rihala ka Elisabete a utlua tumerisho ea ga Marie, ñuana a tlola mo sebopeloñ sa gague; mi Elisabete a tlarioa ka Moea oa Boitsepho:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

41 Ga dirala ya re Elisabethe a utlwa tumediso ya ga Maria, ngwana a tlola mo sebopelong sa gagwe; Elisabethe a tlala Mowa o o Boitshepo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:41
15 Iomraidhean Croise  

Gonne e tlaa nna mongwe wa batho ba bagolo ba Morena. A se ka a nwa mofine kgotsa seno se se tagisang-gonne o sa le a tladitswe ka Mowa o o Boitshepo, le e leng pele ga a tsalwa!


A tshega ka boitumelo a raya Marea a re, “o ratilwe ke Modimo mo basading botlhe, le ngwana, wa gago, o tlhologeletswe kgalalelo ya Modimo e kgolo.


Erile fa ke utlwa lentswe la gago ka nako e o neng o ntumedisa ka yone, ngwana a tlola mo sebopelong sa me ka boitumelo!


Hong rraagwe ebong Sakarea a tlala Mowa o o Boitshepo mme a ntsha polelopele e e reng:


Mme ya re Jesu a ntse a tletse Mowa O O Boitshepo, a tloga mo nokeng ya Jorodane, a tlhotlheleditswe ke Mowa O O Boitshepo a ya mafatshing a Judea, kwa Satane o neng a mo raela selekanyo sa malatsi a le masome a mane. O ne a sa je sepe mo lobakeng loo lotlhe, mme a ba a tshwerwe ke tlala.


Mme botlhe ba ba neng ba le teng ba tladiwa ka Mowa O O Boitshepo, mme ba simolola go bua ka dipuo tse ba sa di itseng, gonne Mowa O O Boitshepo o ne wa ba naya nonofo e.


Mme Petere, ka a tletse Mowa O O Boitshepo a ba raya a re, “Baeteledipele ba ba tlotlegang le ditlhogo tsa sechaba sa rona,


Ke gone bakaulengwe ba ba rategang, senkang banna ba supa mo gare ga lona, ba ba botlhale ba bile ba tletse Mowa O O Boitshepo, ba ba itsegeng ka molemo mo bathong botlhe; mme re tlaa ba tlhoma go nna batsamaisi ba tiro e.


Mme Setefane, a tletse Mowa O O Boitshepo, a leba ka iketlo kwa legodimong, a bona kgalalelo ya Modimo le Jesu a ntse ka fa letsogong le legolo la Modimo.


Mme Ananiase a tsamaya a bona Saulo a bo a mmaya diatla a re, “Mokaulengwe Saulo, Morena Jesu yo o neng a go ipontsha mo tseleng, o nthomile gore o tle o tladiwe ka Mowa O O Boitshepo le gore o foufologe.”


Se nweng mofine o le montsi, gonne maleo a le mantsi a mo go yone tsela eo; mo boemong jwa moo, tlalang ka Mowa O O Boitshepo, lo bo lo laolwe ke one.


E ne e le ka letsatsi la Morena mme ebile ke ne ke obama, fa ka tshoganetso ke utlwa lentswe le le tsholetsegileng fa morago ga me, lentswe le le neng le utlwala jaaka tumo ya torompeta.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan