Erile fa a sa ntse a le mo Egepeto, mongwe o ne a mmoleletse ka ga Johane wa Mokolobetsi le se Johane o se buileng ka ga Jesu, mme moo e ne e le gone fela mo a go itseng. O ne a ise a ke a utlwe polelo yotlhe! Jalo o ne a rera ka bopelokgale le ka botlhaga mo tlung ya thuto a re, “Mesia o e tla! Ipaakanyetseng go mo amogela!” Peresila le Akwila ba ne ba le teng mme ba mo utlwa, mme e ne e le thero e e nonofileng. Morago ga moo ba kopana nae mme ba mo tlhalosetsa se se diragaletseng Jesu go tloga ka nako ya ga Johane, le gore mo gotlhe go raya eng!