Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:32 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

32 O tlaa nna mogolo thata mme o tlaa bidiwa Morwa Modimo. Mme Morena Modimo o tlaa mo naya setilo sa bogosi sa mogolwagolwane wa gagwe Dafide.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

32 Ene yoo o tla nna mogolo, a bidiwa Morwa Mogodimodimo. Morena Modimo o tla mo naya sedulo sa bogosi sa ga Dafita rraagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

32 Eo, o tla na mogolu, mi o tla birioa Moroa Mogorimo oa bogorimo bogolu; mi Morena Morimo, o tla mo naea serulo sa bogosi sa ga rague Davide.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

32 O tlaa nna mogolo, mme o tlaa bidiwa Morwa Mogodimodimo; Morena Modimo o tlaa mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafite rraagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:32
39 Iomraidhean Croise  

Ba ke bagolwagolwane ba ga Jesu Keresete wa lotso lwa ga Kgosi Dafide le Aberahame:


“Kgosigadi ya Sheba e tlaa emelana le chaba e, e e bona molato; gonne o dule kwa lefatshing le le kgakala go tla go utlwa botlhale jwa ga Solomone, mme jaanong yo mogolo go feta Solomone o fano; mme lo gana go mo dumela.


A raya barutwa ba gagwe a re, “Ke neilwe taolo yotlhe kwa Legodimong le mo lefatshing.


“Nna ke kolobetsa mo metsing ba ba sokologileng mo dibeng tsa bone; mme mongwe o e tla; yo mogolo go mpheta thata, o bogolo jo e leng gore ga ke a lekana go tshola ditlhako tsa gagwe. Ene o tlaa lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo le ka molelo.


Mme Jesu a seka a araba. Hong Moperesiti yo mogolo a mmotsa a re, “A o Mesia, Morwa Modimo?”


Hong Jesu a bua le mowa o o maswe o o neng o le mo monneng yo, a re, “Tswa, wena mowa o o maswe.” Mme wa goela kwa godimo wa re, “O ya go dirang ka nna, Jesu Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke go ikanisa ka Modimo, o se ka wa ntlhokofatsa.”


Gonne e tlaa nna mongwe wa batho ba bagolo ba Morena. A se ka a nwa mofine kgotsa seno se se tagisang-gonne o sa le a tladitswe ka Mowa o o Boitshepo, le e leng pele ga a tsalwa!


Moengele a mo fetola a re, “Mowa o o Boitshepo o tlaa tla mo go wena, le nonofo ya Modimo e tlaa go apesa, jalo ngwana yo o tlaa mo tsholang o tlaa ba a le boitshepo e le Morwa Modimo.


“Mme wena morwaaka yo mmotlana, o tlaa bidiwa moporofiti wa Modimo o o galalelang, gonne o tlaa baakanya ditsela tsa ga Mesia.


Johane a araba potso e a re, “Ka nna legale ke lo kolobetsa ka metsi; mme mongwe o e tla yo o nang le nonofo e kgolo go feta yame; yo ke sa tshwanelang le fa e le go nna motlhanka wa gagwe mme ene o tlaa lo kolobetsa ka molelo ka Mowa o o Boitshepo.


“Ratang baba ba lona! Ba direleng tshiamo. Ba adimeng! Mme lo se ka lwa tshwenyega ka gore ga ba kitla ba duela. Hong tuelo ya lona kwa legodimong e tlaa nna kgolo thata, mme ruri lo tlaa dira jaaka bomorwa Modimo: Gonne o siametse ba ba sa lebogeng le ba ba bosula.


Bontsintsi jwa botsa jwa re, “Go swa? Re utlwile gore Mesia o tlaa tshela ka bosakhutleng mme ga a kitla a a swa. Ke eng fa o re o tlaa swa? O bua kaga. Mesia ofe?”


jalo he re a dumela ebile re itse gore o Morwa Modimo o o boitshepo.”


O ne a re sala morago a goa a re, “Banna ba ke batlhanka ba Modimo mme ba tsile go lo bolelela gore dibe tsa lona di ka itshwarelwa jang.”


Mme e ne e le moporofiti, gape a itse gore Modimo o sale o solofetsa ka maikano a a sa senyegeng gore mongwe wa losika lwa ga Dafide (o tlaa nna Mesia) a nne mo setilong sa bogosi sa ga Dafide.


Mme ke gone ka moo ke buang phatlalatsa le mongwe le mongwe mo Iseraele gore Modimo o dirile ene Jesu yo, yo lo mmapotseng go nna Morena le Mesia.”


Le fa go ntse jalo, Modimo ga o nne mo Ditempeleng tse di agilweng ka diatla tsa batho. Morena o bua ka baporofiti jaana a re, ‘Legodimo ke setilo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa dinao tsa me’. Morena o botsa jaana a re, ‘Lo ka nkagela ntlo e e ntseng jang? A ke ka nna mo go yone?


mme ka go tsosiwa mo baswing o ne a supiwa e le Morwa Modimo yo o senatla, ka tlholego e e boitshepo ya Modimo ka sebele.


“Kwalela Moeteledipele wa phuthego e e mo Filadelefia lokwalo lo o re: molaetsa o lo o romeletswe ke yo o boitshepo le boammaaruri, ebile a na le dilotlole tsa ga Dafide tsa go bula se ope a se ka keng a se tswala le go tswala se ope a se ka keng a se bula.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan