Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:3 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 Le fa go ntse jalo, go ne ga diragala mo go nna gore go ka siama fa nka boelela dipolelo tse gape go simolola ka palo ya ntlha go ya kwa go ya bofelo morago ga tlhotlhomiso tota ke be ke lo bolelela polelo e.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

3 Le nna, ya re ke sena go tlhotlhomisa tsotlhe ka botlalo go tswa tshimologong, ka gopola gore go ka nna molemo go di go kwalela ka thulaganyo, wena Theofilo yo o tlotlegang segolo,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Le ’na kintse ki ikaeletse ha e le molemo, ka ki tlotlomisitse rure lilo cotle go tsa tsimologoñ, go gu kualela ka thulaganyo, Teofelo oa tlotlego;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 le nna, ka ke tlhotlhomisitse ruri dilo tsotlhe le tsa tshimologo, ke ntse ke ikaeletse fa go ka nna molemo go go kwalela ka thulaganyo,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:3
17 Iomraidhean Croise  

Go tsala e e ratang Modimo. Dipolelo tse dintsi kaga Keresete di setse di kwadilwe di dirisiwa ka maitshegeletso a tsone jaaka dipolelo mo go rona go tswa mo barutweng ba pele le ba bangwe ba ba di boneng ka matlho.


Tsala e e rategang e e ratang Modimo: mo lokwalong lwa me lwa ntlha, ke lo boleletse kaga botshelo le dithuto tsa ga Morena Jesu le ka fa a neng a boela legodimong ka teng fa a sena go fa barutwa ba gagwe ditaelo tse di tswang kwa Moweng O O Boitshepo.


Mme Petere a ba bolelela polelo yotlhe.


“Mme mogopolo wa me ke gore re seka ra re Badichaba ba ba sokologang ba tshwanetse go obamela melao ya rona ya Sejuta,


Mme re bonye e le kakanyo e e siameng fa re sena go dumalana ka mogopolo o le mongwe gore re lo romelele baemedi ba babedi ba, ebong Barenabase le Paulo.


Morago ga sebaka koo, a tsamaya mo Galatia le mo Feregia a etela badumedi botlhe, a ba kgothatsa ebile a ba thusa go re ba gole mo Moreneng.


“Go tswa kwa go Kalaudio Lusia, Lo ya kwa go Motlotlegi Kgosana Felise, Ditumediso!


Mme ka se, re go leboga thata.


Mme Paulo a fetola a re, “Ga ke tsenwe, Motlotlegi Feseto. Ke bua mafoko a boammaaruri jo bo itekanetseng.


Ke kopile Apolose go lo etela le ba bangwe, mme o akantse gore ga se go rata ga Modimo gotlhelele gore a tsamaye gompieno; o tlaa lo bona mo bogautshwaneng fa a na le lobaka.


Mme mo mogopolong wa me, o tlaa itumela fa a sa nyalwe gape; ebile ke gopola gore ke lo naya kgakololo e e tswang mo Moweng wa Modimo fa ke bua se.


Fa o tlhalosetsa ba bangwe selo se, o tlaa bo o dira tiro ya gago jaaka moruti yo o itekanetseng yo o otlilweng ka tumelo le ka thuto ya boammaaruri e o e setseng morago.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan