Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:22 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

22 Ya re a tswa a bo a palelwa, ke go bua nabo, jalo ba lemoga fa a bonye ponatshegelo mo tempeleng. Ene a nna a ba gwetlha fela a ntse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

22 Ya re a tswa, a retelelwa ke go bua nabo; ba lemoga gore o bonye pontsho mo Tempeleng. Mme a nna a ba gwetlha, a fela a le semumu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

22 Mi ka a coa, a reteleloa ki go bua nabo; mi ba lemoga ha a bonye sepontsisho, mo tempeleñ, gone a ba goetla mi a tloka puo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

22 Mme ya re a tswa, a retelewa ke go bua nabo; mme ba lemoga fa a bonye ponatshegelo mo tempeleng; mme a nna a ba gwetlha, mme a fela a ntse semumu fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:22
8 Iomraidhean Croise  

Ka lobakanyana kokoano ya batho kwa ntle ba bo ba letile Sakarea go boa, ebile ba gakgametse gore ke eng fa a diegile.


Hong a nna mo Tempeleng selekanyo sa malatsi a a setseng a tiro ya gagwe ya Tempele mme morago a boela gae.


Jalo ba botsa rangwana, ba bua le ene ka diatla.


Simone Petere a tla kwa go nna go mpotsa gore ke mang yo o tlaa dirang tiro e e setlhogo eo ya go mo oka.


A ya kwa go bone a ba didimatsa mme a ba bolelela se se diragetseng le ka fa Morena a mo ntshitseng mo kgolegelong ka teng. Erile a tsamaya are, “Bolelelang Jakobe le ba bangwe se se diragetseng.”


Mme Alekesandere o ne a lemogwa mo boidiiding ke Bajuta bangwe mme ba mo gogela fa pele. O ne a gwetlha ka seatla gore go didimalwe mme a leka go bua.


Mme molaodi o ne a dumela, jalo Paulo a ema mo mapalamong mme a gwetlha batho ka seatla gore ba didimale; ka bofefo ga nna tidimalo mo bathong, mme a bua le bone ka Sehebera a re:


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan