Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:17 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

17 E tlaa nna motho yo o mowa o makgawekgawe a nonofile jaaka Elija, moporofiti yo mogolo; mme o tlaa etelela pele go tla ga ga Mesia, a baakanyetsa batho go goroga ga gagwe. O tlaa ba ruta go rata Morena fela jaaka bagolwane ba bone ba ne ba dira, le go tshela jaaka batho ba ba boifang Mo-dimo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

17 O tla mo etelela pele mo moweng le mo thateng ya ga Elia go sokololela dipelo tsa borra-bana mo baneng, le ba ba sa utlweng go ba sokololela mo maikutlong a basiami, go baakanyetsa Morena setšhaba se se etleeditseng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

17 Mi o tla mo etelela pele mo moeeñ, le mo thateñ ea ga Eliyahue, go shukulolela pelu tsa bo‐rra go baneñ, le tsa ba ba lonyaco go botlaleñ yoa ba ba siameñ; go etletsa bathu, go ba etleletsa Morena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

17 O tlaa mo etelela pele ka mowa le ka nonofo ya ga Elija, go sokololela dipelo tsa borara mo baneng, le ba ba sa utlweng go sepela mo botlhaleng jwa basiami; go baakanyetsa Morena sešaba se o se etleeleditsweng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:17
38 Iomraidhean Croise  

mme fa lo batla go tlhaloganya se ke se rayang, ke Elija; ene yo baporofiti ba rileng o tlaa tla ka nako e Bogosi bo simololang ka yone.


gonne Johane o ne a mo reile a re, ga go a siama gore a mo nyale.


Isaia moporofiti mo makgolong a dingwaga a a fetileng, o boletse ka ga thuto ya ga Johane. O ne a kwadile a re, “Ke utlwa lentswe le le goang mo sekakeng, ‘Baakanyang tsela ya Morena, tlhamalatsang tsela e a tlaa tsamayang mo go yone.’ ”


Diaparo tsa ga Johane di ne di dirilwe ka boboa jwa kamele, o ne a itlama ka moitlamo wa letlalo; dijo tsa gagwe e ne e le tsie le dinotshe tsa naga.


Mme o tlaa tlhotlheletsa Bajuta ba le bantsi go sokologela mo go Morena Modimo wa gagwe.


“Mme wena morwaaka yo mmotlana, o tlaa bidiwa moporofiti wa Modimo o o galalelang, gonne o tlaa baakanya ditsela tsa ga Mesia.


Botlhe ba ba dumelang se, ba tsalwa sesha eseng ga senama mo go tswang mo thatong ya motho kgotsa leano; mme go tswa mo go rateng ga Modimo.


Ke bonye go diragala mo monneng yo, mme ke sone se ke supang gore ke Morwa Modimo.”


Tiro ya me ke go betlela monna yoo tsela gore mongwe le mongwe a tle a ye kwa go ene. Le lona tota lo itse ka fa ke lo boleletseng sentle ka teng gore ga ke Mesia. Ke fano go mmaakanyetsa tsela, ke gone gotlhe.


Mme ke ne ka re o ye go bidiwa, mme o dirile sentle ka go tla ka bonako. Jaanong ke rona ba, re letile fa pele ga Morena, re batla go itse se o se go boleletseng go se re bolelela!”


Gape o na le tshwanelo ya go tshola bangwe fela jaaka rona, ba re diretsweng go tshola dikhumo tsa one tsa kgalalelo, le fa re ka ne re le Bajuta kgotsa Badichaba, le go re siamela gore mongwe le mongwe a kgone go bona ka fa kgalalelo ya one e leng kgolo thata ka teng.


ebile lo leboga ka metlha yotlhe Rara yo o re nonotshitseng go nna le seabe mo dilong tsotlhe tse dintle tse e leng tse ba ba nnang mo Bogosing jwa Lesedi.


Fa o fularela sebe o tlaa nna jaaka sengwe sa dijana tse di dirilweng ka gauta e e itshekileng, tse e leng tsone tse di siameng mo tlung, gore Keresete a tle a go dirisetse maikaelelo a gagwe a magolo.


Mme ga lo a nna jalo, gonne lo tlhophilwe ke Modimo ka bo One, lo baperesiti ba Kgosi, lo boitshepo ebile lo a galalela, lo ba Modimo tota, tse tsotlhe e le gore lo tle lo supegetse ba bangwe ka fa Modimo o lo biditseng ka teng go lo ntsha mo lefifing go tsena mo leseding la one le le ntle.


Mme jaanong bananyana ba me, nnang mo bolekaneng jwa boitumelo le Morena gore e re fa a tla lo bo lo tlhomamisa gore gotlhe go siame, mme ga re na go tlhajwa ke ditlhong re bo re boela kwa morago fa re tshwanetse go mo kgatlhantsha.


Mme ka bona ditilo tsa bogosi, mme ba ba neng ba ntse mo go tsone e ne e le ba ba neng ba neetswe taolo ya go atlhola. Mme ka bona mewa ya ba ba neng ba kgaotswe ditlhogo ka ntlha ya go supa ka Jesu, le go bolela Lefoko la Modimo, le ba ba neng ba se ka ba obamela sebatana le setshwantsho sa sone sa leje, kgotsa go amogela lotshwao lwa sone mo diphatleng tsa bone kgotsa mo diatleng. Ba ne ba rudile mme jaanong ba busa le Keresete selekanyo sa dingwaga di le sekete.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan