Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:13 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

13 Mme moengele a mo raya a re, “Se boife, Sakarea! Gonne ke tletse go go bolelela gore Modimo o utlwile thapelo ya gago le mosadi wa gago Elisabetha o tlaa tshola ngwana wa mosimane! Mme o tlaa mo raya leina o re Johane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

13 Moengele a mo raya a re: “Sagaria, ò se ka wa boifa; gonne thapelo ya gago e utlwilwe. Elisabete, mosadi wa gago, o tla go belegela ngwana wa mosimane, mme ò bitse leina la gagwe Johane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Mi moengele a mo raea, Sakaria, u si boihe, gone thapelo ea gago e utluiloe; mi mogaco Elisabete o tla gu belegela mosimane; mi leina ya gague u tla le bitsa Yohane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 Mme moengele a mo raya a re: “Sakaria, o se ka wa boifa gonne thapelo ya gago e utlwilwe; mme mosadi wa gago Elisabethe o tlaa bona ngwana wa mosimane nao; mme o tlaa mo raya leina o re, Johane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:13
27 Iomraidhean Croise  

Mme o tlaa tshola ngwana wa mosimane, mme o tlaa mo raya leina o re Jesu (Ke gore “Mmoloki”). Ka gore o tlaa golola batho ba gagwe mo dibeng tsa bone.


Mme Jesu ka bofefo a bua nabo a ba nametsa. A re, “Ke nna se boifeng!”


Mme moengele a bua le basadi a re, “Se boifeng!” Ke itse gore lo batla Jesu yo o neng a bapotswe,


Mme moengele a re, “Se boifeng. A ga lo batle Jesu wa Monasara yo o neng a bapotswe? Ga a yo fa! Bonang fa mmele wa gagwe o neng o robaditswe teng.


Ka bobedi jwa lona lo tlaa nna le boipelo jo bogolo le boitumelo ka botsalo jwa gagwe, mme ba le bantsi ba tla ipela le lona.


Moengele a mo raya a re, “Se tshoge Marea, gonne Modimo o thata.


Morago ga malatsi a fera bobedi, kwa tirelong ya thupiso ya losea, a rewa leina gatwe Jesu, leina le o le neilweng ke moengele pele ga a ise a ithwalwe.


Mme a nthaya a re, ‘Korenelio, thapelo tsa gago di utlwetse le dimpho tsa gago di lemogilwe ke Modimo!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan