Luke 1:1 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha1-2 Go tsala e e ratang Modimo. Dipolelo tse dintsi kaga Keresete di setse di kwadilwe di dirisiwa ka maitshegeletso a tsone jaaka dipolelo mo go rona go tswa mo barutweng ba pele le ba bangwe ba ba di boneng ka matlho. Faic an caibideilSetswana 19701 Batho ba le bantsi ba setse ba dirile letsapa la go kwala ka thulaganyo polelo ya tse di dirafetseng mo go rona, tse di tlhomameng, Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)1 EREKA mororo bontsi bole yoa itsela go kuala ka thulaganyo, pulelo ea lilo tse ri nañ le tlomamo rure mo go rona, Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo1 Go Motlotlegi Theofila: E re ka batho ba le bantsi ba ineetse go kwala ka thulaganyo polelo ya dilo tse di nang le tlhomamo ruri mo go rona, Faic an caibideil |
Bangwe ba gopola gore Bakeresete ba tshwanetse go tshegetsa malatsi a Sejuta a boikhutso e le malatsi a a tlhophegileng go obamela Modimo. Mme bangwe ba re ga go a siama go itshwenya ka dilo tse di ntsengjaana, gonne malatsi otlhe ka go tshwana ke a Modimo. Malebang le dipotso tse di ntsengjaana, mongwe le mongwe o tshwanetse go ikakanyetsa.
Se ke se lo kope-tseng mo Modimong ke se: gore lo kgothadiwe lo bo lo lomaganngwe mmogo ka ditlamo tse di thata tsa lorato, le gore lo nne le boitemogelo jo bo tletseng le tlhaloganyo ya go itse Keresete ka botlalo. Gonne leano le la Modimo le le neng le sa itsiwe, jaanong le senotswe, ke lone Keresete ka sebele.
Gonne erile fa re lo leretse Mafoko a a molemo, e ne e se gore ke puo fela e e senang molemo mo go lona; nnyaa, lo ne lwa reetsa ka kgatlhego e kgolo. Se re se lo boleletseng se ne sa ungwa loungo lo lo nonofileng mo go lona, gonne Mowa O O Boitshepo o ne wa lo naya tlhomamiso e kgolo gore se re se buileng e ne e le boammaaruri. Ebile lo itse ka fa one matshelo a rona a neng a le sesupo mo go lona sa boammaaruri jwa molaetsa wa rona ka teng.
Go boammaaruri tota gore go tshelela Modimo ga go motlhofo. Mme karabo e mo go Keresete, yo o tsileng mo lefatsheng a le mo setshwanong sa motho, yo o supegileng a sena selabe a bile a itshekile mo Moweng wa gagwe, yo o diretsweng ke baengele, a rerwa mo dichabeng, a amogelwa ke batho gongwe le gongwe mme a amogelwa gape mo kgalalelong ya gagwe kwa legodimong.