Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Jakobe 4:3 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 Mme le fa lo kopa ga lo se fiwe gonne maikaelelo otlhe a lona ga a a siama, lo batla fela se se tlaa lo nayang boitumelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

3 Lo a rapela, mme ga lo amogele sepe, ka gonne lo rapela ka mokgwa o o bosula, gore lo tle lo senye dilo ka bofafalele mo dikgatlhegong tsa lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Loa lopa, mi ga lo bone, gone lo lopa mashue, gore lo li senye mo litlapeloñ tsa lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Lo a lopa, mme ga lo amogele, ka gobo lo lopa ka go fosa, gore lo tle lo itirele ka gone mo dikgatlhegong tsa lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Jakobe 4:3
25 Iomraidhean Croise  

Mme Jesu a mo fetola a re, “Ga o itse se o se lopang!” Mme a retologela kwa go Jakobe le Johane a ba botsa a re, “A lo nonofile go nwa mo senwelong se se boitshegang se ke tlaa tlogang kee nwa mo go sone?” Jalo ba fetola ba re, “Ee, re nonofile.”


Mme Jesu a araba a re, “Ga lo itse se lo se lopang! A lo nonofile go nwa mo senwelong se se botlhoko sa khutsafalo se ke tshwanetseng go nwa mo go sone? Kgotsa go kolobediwa ka kolobetso ya pogisego e ke tshwanetseng go kolobediwa ka yone?”


Mongwe le mongwe yo o kopang o tlaa amogela; botlhe ba ba batlang, ba a bona; mme go bulelwa mongwe le mongwe yo o kokotang.


“E rile morago ga malatsi a se kae morwawe yo mmotlana a phutha dilwana tsa gagwe a etela kwa lefatsheng le le kgakala, koo a feta a senya madi a gagwe mo medirong le mo boakeng.


Le fa go ntse jalo ngwana yo wa gago yo o boileng a sena go senya madi mo boakeng, o mo itumeletse ka go mo tlhabela kgongwana e e nonneng e re neng re na nayo mo sakeng’.


Se se dirang dikomano le dintwa mo gare ga lona ke eng? A ga se ka ntlha ya dikeletso tse di bosula tse di lwang mo ditokololong tsa lona.


gore re amogele sengwe le sengwe se re se lopang gonne re a mo obamela ebile re dira dilo tse di mo itumedisang.


Ebile re tlhomamisa se, gore o tlaa re reetsa nako le nako fa re kopa sengwe fela mo go ene ka fa go rateng ga gagwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan