Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:7 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

7 Fa lo dira jalo, lo tlaa itemogela kagiso ya Modimo, e e hakgamatsang thata go feta e mogopolo wa motho o ka e tlhaloganyang. Kagiso ya gagwe e tlaa ritibatsa e bo e lapolosa dipelo tsa lona fa lo ikanya Jesu Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

7 Mme kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe e tla boloka dipelo tsa lona le maikutlo a lona mo go Keresete Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Mi kagisho ea Morimo e e hetañ tlaloganyo cotle, e tla buluka pelu tsa lona le maitlomo a lona mo go Keresete Yesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe, e tlaa dibela dipelo tsa lona le megopolo ya lona mo go Keresete Jesu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:7
43 Iomraidhean Croise  

Go bonesetsa ba ba ntseng mo lefifing la moruti wa loso, le go re goga mo tseleng ya kagiso.”


“Kgalalelo e nne go Modimo kwa magodimong, le kagiso mo lefatsheng mo go botlhe ba ba mo itumedisang.”


“Ke lo tlogela ka mpho, ebong, kagiso ya pelo le mogopolo. Mme kagiso e ke e lo nayang ga e senyege jaaka kagiso e lo e newang ke lefatshe. Mme ke gona se tshwenyegeng kgotsa lwa boifa.


Ke lo boleletse mo gotlhe gore lo tle lo nne le kagiso mo mogopolong le mo pelong. Lo tlaa nna le meleko e mentsi le dikutlobotlhoko fano mo lefatsheng; mme lo itumele thata, gonne ke fentse lefatshe.”


Gonne tota fela, sa botlhokwa mo go rona re le Bakeresete, ga se se re se jang kgotsa se re se nwang fa e se go dira bomolemo le kagiso le boitumelo jo bo tswang mo Moweng O O Boitshepo.


Jalo ke a lo rapelela Badichaba gore Modimo o o lo nayang tsholofelo o tle o lo itumedise o lo tlatse ka kagiso fa lo ntse lo dumela mo go one. Ke rapela gore Modimo o lo thuse gore lo tlale tsholofelo mo go one ka nonofo ya Mowa O O Boitshepo mo go lona.


Mme jaanong, ka re siamisitswe mo ponong ya Modimo ka tumelo mo ditsholofetsong tsa one, re ka nna le kagiso mo go one ka ntlha ya se Jesu Keresete Morena wa rona o se re diretseng.


Go sala morago Mowa O O Boitshepo go isa kwa botshelong le kagiso, mme go sala morago tlholego e kgologolo go isa losong,


Ditlhabano tse di ka fenya dikganetsanyo tse di tletseng boikgodiso tse di kgathanong le Modimo le dipotana dingwe le dingwe tse di ka agiwang go kgoreletsa batho go mmona. Ka ditlhabano tse, ke ka gapa dirukhutlhi, ka bo ka di busetsa mo Modimong, ka bo ka di fetola go nna batho ba dikeletso tsa dipelo tsa bone di obamelang Keresete.


Ke fetsa lokwalo lwa me ka mafoko a a bofelo. Itumeleng. Golang mo Moreneng. Tlhokomelang se ke se buileng. Nnang ka kutlwano le kagiso. A Modimo o o lorato le kagiso o nne le lona.


Mme fa Mowa O O Boitshepo o laola matshelo a rona o tlaa ungwa loungo lwa mofuta o mo go rona: lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, bomolemo, boikanyego,


Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo le Timotheo batlhanka ba ga Jesu Keresete. Ba kwalela: Badisa ba diputhego le batiakone le Bakeresete botlhe mo Filipi.


A Modimo o lo segofatse lotlhe. Ee, ke rapela gore Modimo Rraetsho le Morena Jesu Keresete a neye mongwe le mongwe wa lona masego a magolo a gagwe, le kagiso ya gagwe mo dipelong tsa lona le mo matshelong a lona.


Mme ke ene yo o tlaa lo abelang tsotlhe tse lo di tlhokang mo dikhumong tsa gagwe tse di mo kgalalelong, ka ntlha ya se Keresete a se re diretseng.


Ntumedisetseng Bakeresete botlhe koo; bakaulengwe ba ba nang le nna le bone ba a dumedisa.


Tswelelang lo dire tsotlhe tse lo di ithutileng mo go nna le tse lo bonyeng ke di dira, mme Modimo wa kagiso o tlaa nna le nna.


A kagiso e e tswang kwa go Keresete e nne mo dipelong tsa lona le mo matshelong a lona ka malatsi otlhe, gonne mo ke tiro ya lona le tshwa-nelo ya lona jaaka lo le ditokololo tsa mmele wa gagwe. Lo nne lo leboge Morena ka malatsi otlhe.


A Morena wa kagiso ka sebele a lo neye kagiso ya gagwe, go sa re sepe gore go diragala eng. Morena a nne le lona lotlhe.


A jaanong Modimo wa kagiso, o o tsositseng Morena wa rona Jesu mo losong, o lo neye tsotlhe tse lo di tlhokang go dira go rata ga One. A ene yo o Modisa yo mogolo wa dinku ka kgolagano e e sa khutleng fa gare ga Modimo le lona, yo o kanetseng ka madi a gagwe, a ntshe mo go lona ka nonofo ya ga Keresete tsotlhe tse di mo itumedisang. A Kgalalelo e nne kwa go ene ka metlha le metlha Amen.


Lokwalo lo lo tswang kwa go: Juda motlhanka wa ga Jesu Keresete mogoloa Jakobe. Go: Bakeresete gongwe le gongwe, barategi ba ba tlhophilweng ke One.


Lo ke lokwalo lo lo tswang kwa go: Johane A kwalela: Diphuthego tse supa mo Asia. Ditsala tse di rategang: A tshegofatso le kagiso tse di tswang mo Modimong di nne le lona. Yo o leng teng, le yo o neng a le teng le yoo tlang! Le mo meweng e e supang e e fa pele ga setilo sa gagwe sa Bogosi;


“A mongwe le mongwe yo o utlwang a reetse se mowa o se buang le diphuthego. Mongwe le mongwe yo o fenyang o tlaa ja ga mana a a fitlhilweng, kotla e e sa itseweng e e tswang legodimong; mme e tlaa naya mongwe le mongwe leje le lesweu, mme mo lejeng go tlaa kwalwa leina le lesha le motho ope a sa le itseng fa e se fela yo o le amogelang.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan