Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 4:5 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

5 A mongwe le mongwe a bone gore ga lo bohula gape lo bonolo mo go tsotlhe tse lo di dirang. Gakologelwang gore Morena o e tla ka bonako.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

5 A bopelontle jwa lona bo itsiwe ke batho botlhe. Morena o gaufi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 A bopelunomi yoa lona bo itsisioe mo bathuñ botle. Morena o gauhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 A boiphapaanyo jwa lona bo itsiwe mo bathong botlhe. Morena o gaufi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 4:5
25 Iomraidhean Croise  

“Jalo he, tlhagiso ya me ke e: se tshwenyegeng ka ga dilo-ebong dijo, dino, madi le diaparo. Ka gore o setse o na le botshelo le mmele-mme di botlhokwa go na le se se tshwanetseng go jewa le se se tshwanetseng go aparwa.


“Jalo he, se tlhobaeleleng bokamoso, Modimo o tlaa tlhokomela bokamoso jwa lona. Lebogelang tlhabo ya letsatsi e lo e boneng.


“Itiseng! Lo se letle gore go tla ga me ka tshoganetso go lo fitlhele lo sa ipaakanya. Ke se ka ka lo fitlhela lo iketlile mo boatleng, kgotsa mo medirong ya botlhapelwa, lo gapilwe ke matshwenyego a botshelo jo, jaaka mo lefatsheng lotlhe.


fa mongwe a sa rate Morena, motho yoo, o hutsegile. Morena Jesu tla!


Go nna le ditshekisano tse di ntseng jalo lo le Bakeresete go raya gore lo fentswe e le ruri. Ke eng fa lo sa ineele mo patikong? Mme lwa tlogela go ntse jalo? E tlaa bo e le tlotlo e kgolo mo Moreneng fa lo ineela go tsiediwa.


Jalo fa nama e e ntshediwang medimo ya disetwa e tlaa leofisa mokaulengwe wa me, ga nkitla ke e ja mo botshelong jwa me, ka gore ga ke batle go mo leofisa.


Go gapa sekgele mo kgaisanong lo tshwanetse go itatola bolona le dilo di le dintsi tse di ka lo kganelang go dira ka botlalo. Mosiami o tsena mo matshwenyegong a le mantsi fela go gapa talama e tala kgotsa senwelo sa gauta, mme rona re direla tuelo ya selegodimo e e sa ka keng ya nyelela.


Ke a lo kopa Ee, Nna Paulo, ke kopa ka boikokobetso, fela jaaka Keresete a ne a tlaa dira. Le fa bangwe ba lona ba re, “Dikwalo tsa ga Paulo di supa bopelokgale thata fa a le kgakala, mme fa a tsena fano o boifa go tsholetsa lentswe la gagwe!”


Ba se ka ba bua bosula ka ope, le fa e le go omana, mme ba nne tshiamo le boikokobetso ka boammaaruri mo go botlhe.


A re se tlhokomologeng ditiro tsa phuthego le dikopano tsa rona, jaaka batho bangwe ba dira, mme a re kgothatsanyeng re bo re tlhagisanyeng, segolo jang ka gore letsatsi la go bowa ga gagwe le a atamela.


Go tla ga gagwe ga go kitla go diega.


Ba ne ba hakgamala gore Mowa wa ga Keresete o o mo teng ga bone o ne o bua kaga eng, gonne o ba reile wa re ba kwale ditiragalo, tse di setseng di diragaletse Keresete go tloga ka lobaka loo: ebong go boga ga gagwe, le kgalalelo ya gagwe e kgolo e e ileng ya diragala kwa morago. Mme ba hakgamala gore mo gotlhe go tlaa diragala leng ebile go diragalela mang.


Bokhutlo jwa lefatshe bo e tla ka bonako. Jalo nnang batho ba ba tlhwaafetseng ba ba rapelang.


Ene yo o buileng dilo tse tsotlhe a re, “Ee, ke e tla ka bonako!” Amen! Tla, Morena Jesu!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan