Bafilipi 4:3 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha3 Mme ke a go kopa, tsala ya me ya boammaaruri go thusa basadi ba, gonne ba dirile le nna mo go boleleleng bangwe Mafoko a a Molemo, ba dirile le Klement, le botlhe badiri ka nna botlhe ba maina a bone a kwadilweng mo Lokwalong lwa Botshelo. Faic an caibideilSetswana 19703 Ee, le wena, molekane wa me wa nnete mo tirong, ke a go rapela ka re, ba thuse, basadi bao, ba ba nthusitseng mo tlhabanelong ya Efangele, ba na le Klemense le badiri-ka-nna ba bangwe ba maina a bone a leng mo Lokwalong lwa Bophelo. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)3 Le uena molekane oa me oa tiho, thusa basari ba ba ’nthusitseñ mo evangelioñ, le ena Kelemento, le ba bañue ba ba rihelañ le ’na, ba maina a bona a leñ mo bukeñ ea botselo. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo3 Ee, le wena ke a go rapela, mmelegajokwe ka nna wa mmaanete, ka re, thusa basadi bao, gonne ba kile ba dira le nna mo Mafokong a a Molemo, le ene Kelemente, le ba bangwe badiri ka nna, ba maina a bone a mo lokwalong lwa botshelo. Faic an caibideil |
Mme le fa e le eng se se ka ntiragalelang, gakologelwang ka nako tsotlhe go tshela jaaka Bakeresete ba tshwanetse go tshela, gore, fa ke ka lo bona gape kgotsa ke se kake ka lo bona, ke tlaa nna ke utlwa dipego tse di siameng gore lo eme ka maikaelelo a le mangwe fela a a nonofileng, go bolela Mafoko a a Molemo,
Sebatana se se ne se tshela mme jaanong ga se tlhole se tshela. Le fa go ntse jalo se tlaa tloga se tswa mo moleting o o senang bolekanngo se ya kwa tatlhegong ya bosakhutleng; mme batho ba lefatshe, ba maina a bone a sa kwalwang mo Lokwalong lwa Botshelo pele ga tshimologo ya lefatshe, ba tlaa akabadiwa ke go tla ga sone, morago ga se sena go swa.